Kwa Naledi ba itshwere sentle
11 Aug 2020
Ramapodise a Naledi mo Gaborone, Superintendent Nelson Selabe, o lebogetse banni ba kgaolo eo go obamela melawana ee lebaganeng le go lwantsha segajaja sa COVID 19.
Supt Selabe o supile mo potsolotsong ka Mosupologo gore le ntswa puso e tlhofofaditse metsamao ka go letlelela setshaba go ya kwa marekisetsong a dijo ntle le diteseletso, banni ba kgaolo ya gagwe ba supile tirisanyo mmogo.
A re fa e sale kiletso mesepele e simolola, ga ba ise ba nne le melato e mentsi ya go tlhoka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a tlatsa ka gore bontsi bo supa maitshwaro a mantle.
Supt Selabe a re le ntswa kgaolo ya gagwe e le nngwe ya tse di nang le batho ba bantsi, go a nametsa ka gore mapodisi ga a ise a kwadise melato ya tlolo molao e mentsi.
O ne a tlhalosa gore melato e gantsi e tshwenyang jaaka go rekisa majalwa mo malwapeng, ga e a diragala mo nakong e, selo se se supang gore molaetsa le thuto di ntse di a tsena mo Batswaneng.
Supt Selabe a re mapodisi le masole kwa kgaolong eo le bone ba dira ka natla.
A re bangwe ba borre le bomme bao ba molao, ba supile fa bontsi jwa nako ba tsamaya mo mekgwatlheng ba netefatsa fa ditsamaiso tsa ba botsogo di salwa morago.
A re ba tsamaya ba gakolola ba bo ba rotloetsa setshaba gore ba sale ditaelo morago le gone gore ba seka ba kgobokana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 11 Aug 2020