Breaking News

Ipelegeng e tlaa tswelela

11 Aug 2020

Palamente e itsisitswe fa lenaneo la Ipelegeng le tlaa simolodisiwa kgwedi ya Phatwe e ya fifing.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molale, o boletse jalo fa a rola pego ka lenaneo la Ipelegeng kwa Palamenteng ka Mosupologo.

Rre Molale a re puso e tshwentswe ke magatwe a gore Ipelegeng e emisitswe.

O boletse fa lenaneo la Ipelegeng le ne la seegiwa ka nakwana go hema kanamo ya segajaja sa COVID-19.

“Ke eletsa go rurahaletsa ntlo e le Batswana ka kakaretso gore Ipelegeng ga e ise e emisiwe, le gore puso ga e ise e eletse go emisa le go hedisa Ipelegeng,” ga buwa Tona Molale.

O boletse fa go seegiwa ga Ipelegeng go dirilwe ka dikgakololo go tswa kwa go ba botsogo ka jaana didirisiwa tsa Ipelegeng di fapaanelwa e bile babereki ba Ipelegeng ba bereka ba le segopa.

A re puso e tsweletse ka go netefatsa gore ditaelo tsa ba botsogo di salwa morago le gore Ipelegeng e ka tsweledisiwa jang le go godisa ba-tsaa karolo mo lenaneong  le.

“Maikaelelo a puso ke gore mme e re go godisiwa lenaneo jaana, e bo e tokafaditswe, gore e bo e na le boleng, e na le mosola go feta jaaka re e bona gompieno,” ga buwa jalo Tona Molale.

Ka jalo, a re lenaneo le tlaa tokafadiwa go re le dire ditiro tsa sennela ruri.

Rre Molale a re o santse a emetse gore khuduthamaga e wetse dipuisano tsa gore Ipelegeng e ka tokafadiwa jang, mme e tlaa re morago ga moo, Batswana ba itsisiwe ka botlalo.

Tona a re dingwe tsa tse di akantsweng ke go baakanya le go shafatsa mafelo a setshaba jaaka dikolo, dikgotla le dikokelwana.

A re se se tlaa godisa ditiro le ditirelo tse di tlhokwang ke setshaba kwa magaeng.

Mapalamente ba ne ba iteela mafoko a ga tona legofi, mme ba ngongoregela go tsaya lebaka ba sa rerisiwe ka tse puso e di akantseng.

Ba kopile puso go sekaseka go oketsa dituelo tsa Ipelegeng ka jaana e tshetsa batho ba le bantsi ba ba sa berekeng.

Mo go dimo ga moo, ba kopile puso  gore dipalo tsa babereki di okediwe  ka gore e tshegeditse malwapa a le mantsi a batho ba ba sa berekeng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : PALAMENTE

Event : PARLIAMENT

Date : 11 Aug 2020