Mekgatlho e rotloetsa borre go ema ka dinao
20 Jul 2018
Mogolwane wa lephata la NAHPA, Mme Sheila Lesotlo, a re ka go lemoga fa borre ba saletse kwa morago mo dikgannyeng tsa HIV/AIDS, lephata leo le simolodisitse lenaneo la Faith and Community Initiative. O buile se ka Matlhatso fa a lekodisa babega dikgang ka ditirelo tsa bone mo nakong ya COVID-19.
Mme Lesotlo a re NAHPA e lemogile gore go tlogela borre kwa morago go kgoreletsa maiteko a go lwantsha segajaja.
A re ba itebagantse thata le baruti, dingaka tsa setso le boemedi ka go farologana morago ga go lemoga gore borre ba santse ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela HIV.
A re ka jalo ba lemoga botlhokwa jwa go dirisanya le baruti le dingaka tsa setso ka borre ba bonwa teng.
A re lephata le sekaseka gore borre ba ka bonwa kae kana ba thusiwa jang.
Mme Lesotlo a re mogare wa HIV fela jaaka wa COVID-19 o tsisa dikgwetlho di le mmalwa.
Mme Lesotlo a re borre ke batho ba ditumelo, ba nna teng kwa dikerekeng, mme e bile gape ke bone gantsi ba etelang dingaka tsa setso.
A re NAHPA e ne ya itshekatsheka, ka jalo ya bona go le botlhokwa go itshwaraganya le ACHAP le Project Concern International (PCI).
Ka jalo ba bua le baruti le dingaka tsa setso go rotloetsa go bua le borre ka segajaja. A re fa ba ka se potlakele mananeo a a ka ba tsisang gaufi le tsa botsogo, seemo se ka tswa mo tseleng.
A re ACHAP e rutuntsha baruti go fa borre melaetsa ya tsholofelo le go ikemela ka dinao.
Mo lenanenong le lengwe la ditumelo a re ba lemogile tiriso botlhaswa ya bana e ya magoletsa, selo se se tshwenyenyang bogolo jang fa ba lebile kgang ya segajaja le one wa corona.
A re fa ba sa ipapane sentle ba ya go felela ba tsena ka lenga la seloko. Mme Lesotlo a re PCI re ruta baruti le dingaka, go tsenya kgang ya gore bana ba seka ba dirisiwa botlhaswa. A tlatsa ka gore ba na le thulaganyo ya go ba fitlhelela bana, jaaka kwa dikolong go ba fa maele a se ba ka se dirang fa ba kopana le seemo sa mohuta oo.
Rre Kabo Monare wa ACHAP a re ba bereka le magosi le bogogi jwa metse mo go tse dingwe.
A re ACHAP ke bagakolodi ba baruti le dingaka, a re ba simolola fela go tswa mo ditogamaanong go fitlhelela maikaelelo a lenaneo.
Rre Monare a re ba rutuntsha dingaka le baruti le gone go ba thusa ka madi go ba neela maduo a ba a eletsang.
A re lenaneo le, ke go oketsa dipalo tsa borre ba ba itseng seemo sa bone le go dirisa mananeo a a leng teng go ritibatsa mogare.
Rre Monare a re mo nakong e ya COVID 19, ga ba kgone go phuthega ka jalo go na le kgwetlho ya go fitlhelela batho ka kiletso mesepele, ka jalo ba bona gore ba dirise maranyane, go romela melaetsa go fitlhelela bao ba ba dirang le bone.
Motlaleng Motlaleng wa PCI a re bone ba isa ditirelo kwa Batswaneng, go thusa puso gore mananeo a fitlhela batho.
A re maikaelelo ke go rutuntsha mo kgokgontshong ya bana. A re bana ga se batho ba ba ka tlhakanelang dikobo ba le kwa tlase ga dingwaga tse 18, ntswa go na le dipego tsa bana ba ba thubeditsweng le ba ba bontshiwang ditshwantsho tsa motshikhinyego tsa tlhakanelo dikobo. Rre Motlaleng a re modiragatsi wa dilo tse, o tshwanetse go tseelwa dikgato.
A re ba ruta le ba molao ka fa ba tshwanetseng go tshwara dikgetse tseka teng ka dipatisiso di supile fa batswa setlhabelo ba dikgetse tsa go thubediwa ba sa kgone ka ba lebiwa ka letiltho le le seng lone. Rre Motlaleng a re ba molao ba tshwanetse go reeletsa dikgang tse mo lefelong le le haphegileng. A re mo nakong e ya COVID -19 go a tshwenya ka bana ba nna le ba diramelato mo matlong.
A re ke ka seo baruti, dingaka jaaka batho ba ba nang le lentswe ba tshwanetseng go thusa mo dikgannyeng tse. A re go ba rutuntsha ba tlaa isa molaetsa kwa setshabeng e bile ba tlaa itse gore go dirwe eng fa seemo se diragala.
Rre Motlaleng a re kgokgontsho e ne ya gola mo nakong e ya kiletso mesepele, ka batho ba nna thata kwa malwapeng.
A re bana ba nna le bakgokgontshi ka jalo go beye bana mo seemong se se thata ka go sena kwa ba ka yang teng.
Rre Motlaleng a re fa go na le bothata jwa kgokgontsho mo nakong e ya keletso mesepele, motho o letelesega go tswa a ya go begela ba ba maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego
Date : 20 Jul 2018