Breaking News

BOU e rotloetsa thuto ka maranyane

10 Aug 2020

Mogokgo wa Botswana Open University (BOU), Dr Daniel Tau, a re unibesithi eo e rotloetsa thuto ka maranyane.

O boleletse babega dikgang mo Gaborone ka Matlhatso gore erile segajaja sa COVID-19 se tlhagoga, Batswana ba tsena mo serubing. Mme BOU yone e ne ya tlhoma komiti e itebagantseng le segajaja se. A re komiti e e gakolola botsamaisi le baithuti ka segajaja, le go ba fa lenaneo la tiriso ya maranyane.

Dr Tau are le ntswa e le sekolo sa thuto ka tlhaelatsano, BOU e na le baithuti ba ba kgobokanang kwa sekoleng seo go kopana le barutintshi ba bone.  A re ba fetotse le ka fa ba rutang ka teng ka maikaelelo a go rotloetsa maranyane.

A re le fa go ntse jalo, phetogo go tsamaelana le metlha e mesha, ga e a ba imela thata, ka jaana ba ntse ba dira dingwe tsa ditiro ka ditlhaelatsano. O tlhalositse fa BOU e gatelela tiriso ya maranyane mo dikolong tsotlhe, go tlhofofatsa le go fefosa thuto.  Dr Tau a re ba ne ba kgona go bulela baithuti  bangwe dithuto mo maranyaneng.  Mme a re mo lenaneong leo ba ne ba dumalana le dikhamphane tsa maranyane go thusa Batswana go dirisa ditirelo tsa maranyane go sena dituelo.

A re ba ne gape ba ikgolaganya le bangwe go thusa Batswana ka go ba bulela dithuto tse di khutshwane, go ka ithutuntsha fa ba ntse ba le mo serubing, gore ba kgone go ipaakanyetsa diemo morago ga COVID-19, segolo bogolo ba ba latlhegetsweng ke ditiro.

A re Batswana ba supile kgatlhego thata, mme mo nakong eno, ba setse ba na le ba le 352 ba ba ithutang dithuto tse di khutshwane ka tlhaelatsano ya maranyane, fa ba le 31 ba setse ba feditse dithuto tsa bone.

Dr Tau a re ba na le diphatlha di le 650 tsa ba ba nang le kgatlhego ya go ikoketsa dithuto, ba inaakanya le tse dikhutshwane jalo. O tlhalositse gore mo nakong e ba mo dipuisanong le ba-na-le-seabe go seka seka molawana wa go ithuta ka tlhaeletsano, mme ba kgone go o baa puso pele go o amogela gore o tsene mo tirisong.

Dr Tau o gateletse gore go nne le thuto e e nang le boleng ya maranyane, go tlhokafala moalo le kgokagano ya maranyane, mo dikolong tsotlhe go tlhofofatsa tsamaiso. O tsweletse a re se gape se ka nonotsha phitlhelelo le dikeletso tsa puso tsa go rotloetsa itsholelo e e ikaegileng ka dikitso.

A re mogare wa corona o ne wa pateletsa BOU go oketsa ngwaga wa dithuto, oo o ntseng o fela ka kgwedi ya Motsheganong, mme o latelang o simologa ka Phukwi, ka dibeke di le thataro, mme wa 2021 o tlaa simolola ka Phatwe. O ne gape a re ba ne ba emisa ditiro tse dingwe tsa bone, le go atolosa tse dingwe ka lebaka la mogare. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 10 Aug 2020