Breaking News

Nyamadzabo ga a ipone tsapa

09 Aug 2020

Rre Pelonomi Nyamadzabo, molemi morui kwa Palapye, o itiretse leina ka thuo ya dikoko tsa nama.

Rre Nyamadzabo a re o simolotse kgwebo ya go rua ka ngwaga wa 2018. 

A re ga a dira dithuto dipe tse di amanang le thuo ya dikoko, mme o gogetswe mo thuong ke lerato mo diruiweng tse.

Rre Nyamadzabo a re go sa ithutela tiro e, ga se sekgoreletsi ka a ikemiseditse go lepalepana le dikgwetlho tse a kopanang natso jaaka malwetse a dikoko, go kopa thuso le go dira dipatlisiso.

A re bareki ba a akaretsa dikole le marekisetso a dijo.

O tlhalositse fa mmaraka o le montsi thata mo a felelang a sa kgone go o kgotsofatsa.

A re seemo sa segajaja sa COVID-19 se mo amile fela thata mo a feletseng a rekisa dikoko ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase a lebile gore hoko ya gagwe e ka se beye dikoko tse dintsi mo sebakeng se setelele.

A re morago ga kiletso mesepele, kgwebo ya gagwe ga e ise e boele mo maemong a yone mme o na le tsholofelo ya gore e tlaa boela.

Rre Nyamadzabo o ne a supa fa a godile fela thata mo thuong ya gagwe, a re o simolotse ka dikoko di le masome a matlhano mme gompieno di tshwara sekete le makgolo a le matlhano.

O supile fa dikoko di batla lerato le bopelotelele gore di ate ka bonako. A re kgwebo e, e mo tlhatlositse mo botsheong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : PALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Aug 2020