Bangwe ba atlholetswe go tlhoka go bipa melomo le dinko
09 Aug 2020
Mapodisi a atlhotse batho bangwe P1 000 go fitlha kwa go P5 000 ka molato wa go tsamaya mo setshabeng ba sa ipipa melomo le dinko.
Motshwarelela molaodi kwa Good Hope, Mme Peggy Kutlase, o boletse mo potsolotsong fa batho bao ba tshwerwe ka nako e mesepele e santseng e tswaletswe kwa kgaolong ya greater Gaborone e e akaretsang Good Hope, Phitshane Molopo le Ramatlabama.
O tlhalositse fa mapodisi a kaile fa bangwe ba batho bao ba tshwerwe ba kgweetsa ba sa itshireletsa le ntswa ba ne ba pegile batho ba bangwe. O tlhalositse gape gore ba bangwe e ne e le ba ba tsamayang mo tseleng, fa ba bangwe gone go lebega ba tsamaela kwa marekisetsong.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa mapodisi a tshwere batho ba le robabongwe mabapi le go rekisa bojalwa le ntswa bo tswaletswe.
O kaile fa ba le babedi ba tshwerwe kwa Good Hope mme ba le babedi kwa Mabule.
Kwa Ramatlabama gone, Mme Kutlase o kaile fa go fitlhetswe ba le batlhano ba rekisa bojalwa e se ka fa molaong.
Batho ba go kaiwa fa botlhe ba atlhotswe P500 le go feta.
Mme Kutlase o gakolotse batho gore ba nne mo malwapeng gape ba tswelele ba itshireleditse go hema go tsenwa kgotsa go anamisa segajaja sa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOOD HOPE
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Aug 2020