Go botlhokwa go sala melawana morago
09 Aug 2020
Mapodisi a re a tshwenngwa ke batho bangwe ba ba sa tseyeng tsia melawana e e beilweng go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
Ke sone se mookamela mapodisi a kgaolo ya District No. 16, Senior Superintendent Reuben Mphoeng, a boletseng fa ba lebisitse batho ba le lekgolo le masome a mabedi le bone molato wa go tsamaya mo mekgwatlheng ba sa apara dibipa dinko le molomo.
A re ba gatisitse gape dikgang di le masome a mane le bosupa tsa batho ba ba nwelang nnotagi kwa marekisetsong le kwa mafelong a mangwe a go sa tshwanelang go nwelwa mo go one.
Go na gape le dikgang di le supa tsa thekiso ya majalwa a setso le tsa batho ba ba nwelang mo malwapeng ba kgobokane.
“Re kopana le dikgwetlho tse dintsi tsa batho ba ba nwang ba kgobokane mo malwapeng. Batho ba tsaya fela gore fa gotwe ba nwele mo malwapeng, go raya gore jaanong ba gololesegile go nwa ba kgobokane,” Senior Supt Mphoeng a tlhalosa.
A re kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi, segolo bogolo kwa Mahalapye, go na le batho ba bantsi ba ba sa obameleng melawana e e beilweng go thibela kanamo ya segajaja sa COVID-19
“Ga re a nna fela, re eme ka dinao go netefatsa gore melawana e a obamelwa. Mme fa re diragatsa molao, batho ba bona ekare re a ba tshwenya kana re a ba kgokgontsha,” Senior Supt Mphoeng a supa.
A re kgwetlho e nngwe e e tshwenyang ke ya batho ba ba nnang gaufi le molelwane wa Martins Drift le Thuli Block.
Bontsi jwa batho ba, ba tlola molelwane fa go sa letlelelweng teng go tla mo Botswana le go ya kwa Aferika Borwa.
Senior Supt Mphoeng a re go leka go itebaganya le seemo se, mapodisi a tsweletse ka go disa mafelo a.
“Batho bao re ba lebisa molato wa go tlola molelwane fa go sa letlelelweng teng, re bo re ba atlhola madi a a seng kwa tlase ga P200. Mo godimo ga moo, re ba rolela ba botsogo gore ba ba kwarantine malatsi a le lesome le bone a bo ba tlhatlhobelwa mogare wa corona,” Senior Supt Mphoeng a supa.
A re go lebega ekare batho ga ba ise ba lemoge manokonoko a a tsisiwang ke kanamo ya mogare o, a tlatsa ka gore batho ba dumela gore ba tshwanetse ba obamela melao ya ba botsogo fa ba bona mapodisi.
“Go le gantsi batho ba dibanka le mabenkele le bone ba etle ba leletse sepodisi ba ikuela ka batho ba ba tlang kwa dikagong tsa bone ba sa rwala dipipa dinko le melomo,” Senior Supt Mphoeng a tlhalosa.
Mo go tse dingwe, o tlholositse fa mo nakong ya gompieno seemo se boetse mannong kwa Dibete, morago ga gore batho ba thibelele teng ka bontsi fa go sena go thibelwa metsamao kwa kgaolong ya greater Gaborone.
A re bontsi jwa batho ba ba neng ba thibeletse kwa Dibete ba ne ba le mo maikaelelong a go batla go feta ba sena diteseletso tsa metsamao tsa COVID-19.
Le fa gontse jalo, a re ba ne ba kgona go laola seemo ka go letlelela ba ba neng ba na le diteseletso gore ba fete, le ba ba neng ba isa dithoto le ditirelo tse dibotlhokwa.
Le fa go ne go na le ba ba neng ba sa ikemisetsa go dirisana sentle le mapodisi, a re ga ba aka ba lebisa ope molato ka nako eo.
A re se ba neng ba se dira e ne ya nna go netefatsa gore ba diragatsa se se tshwanetseng go diragadiwa ka go ba kganela go feta.
Senior Supt Mphoeng a re batho bao ba ne ba felela ba itlhoboga ba boela kwa morago, ka ba ne ba ba tlhaloseditse fa ba ka seke ba ba letlelela go feta ba sena diteseletso tse di maleba.
“Re setse re lemogile gore go na le fa batho ba tlolang teng mo kgaolong ya Kgatleng ba bo ba tla go wela mantlheng a Poloka le Mokgenene. Mme mo nakong ya gompieno, seemo se setse se bepile,” Rre Mphoeng a supa.
A re mo nakong ya gompieno, ga gona metsamao ka kwa ditseleng tseo.
“Tiragalo e e diragetse fela ka nako ya thibelo metsamao kwa greater Gaborone, ka batho ba ne ba leka go iphitlhela mapodisi ka go ralala sekgwa ba tshaba dikganedi tsa sepodise,” Senior Supt Mphoeng a supa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 09 Aug 2020