Mapodisi ba mo patlong ya mma lesea
06 Aug 2020
Mapodisi a Serowe ba mo patlong ya mma lesea le le fitlhetsweng mo polasetekeng le tlhokafetse kwa kgotleng ya Sesoma kwa Serowe.
Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ba amogetse pego go tswa kwa go rre mongwe ka Laboraro (August 5) a re mme mongwe wa dingwaga tse 79 o ne a supa fa a bone sengwe se a sa se tlhaloganyeng mo polasetekeng, mme a belaela e le nama ya pudi.
A re e rile go amogela pego eo, ba sepodisi ba tsiboga mme ba fitlhela sengwe seo e le lesea le le sa tswang go tsholwa.
A re le ne la ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa le tlhokafetse.
Superintendant Oteng a re mo nakong eno, ga go ise go tshwarwe ope mme ba ikuela mo setshabeng go ba thusa mo ditlhotlhomisong go tsomana le mmangwana.
Mo go tse dingwe, Superintendant Oteng a re ba sepodisi ba tsweletse ka go lebisa melato ba ba sa obameleng melawana e e beilweng ya go fema kanamo ya segajaja sa COVID-19.
A re mo bosheng, ba ne ba tshwara batho ba le lekgolo, masome a ferabongwe le bone ba ba neng ba ba lebisa melato e e farologaneng e akaretsa go nwela bojalwa mo mafelong a go sa nwelweng teng, go rekisa bojalwa kwa ntle ga nako e e letlelelwang, go kgobokana e se ka fa molaong, go sa kwaleng ba ba etetseng madirelo le go ya kwa mafelong a setshaba motho a sa rwala sethiba molomo.
Superintendent Oteng a re ba ba neng ba tshwarwa ba ne ba lefisiwa madi mme ba duela.
A re sepodisi se tsweletse le go bona gore setshaba ga se gatake ditsetlana tse di beilweng tsa go thibela mogare wa COVID-19 mme ba tlaa tswelela ka go lebisa ba ba e tlolang melato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2020