Breaking News

Ba tshwaretswe go tlhoka go rwala dithiba molomo

06 Aug 2020

Mapodise a Tshane, a tshwere a bo ba atlhola batho ba kgaolo ya Hukuntsi le metse e e mo tikologong ba le lesome le boferabongwe, mabapi le go sa obamele molao wa COVID-19.

Batho bao ba tshwaretswe go etela mafelo a a etelwang ke setshaba ba sa rwala dibipa-molomo. Mo puisanong le BOPA, Mookamela mapodise a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe a re seemo se, se a tshwenya ka jaana, dipalo tseo ba sepodise ba di fitlheletse fela mo malatsing a le marataro go simolola ka Phatwe a ya fifing go fitlhela Phukwi a tlhola malatsi a le matlhano.

A re go ya ka molao wa COVID-19, modiramolato o ka lefisiwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula a tlhalosa fa ba ne ba lefisa mongwe le mongwe P200.

O tlhagisitse gore fa seemo se ka bifela pele, mapodise ba tla a tlamega gore ba gagamatse setoropo mo dikatlholong tsa bone.

Superintendent Jorowe o supile fa ba itemogetse fa banana ele bone bo tshoso e rweleng ka go itira bo tsebe se utlwe mme a re go dira jalo go ka ba baya ga mmogo le setshaba mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.

O ne a supa gape gore ba itemogetse gore, go na le bapalami ba dikoloi tsa setshaba bangwe ba ba sa rwaleng dibipa-molomo, mme a tlatsa ka gore ba tla letsa thupa ka go otlhaya mopalami gammogo le mokgwetsi wa koloi ya go nna jalo.

Ka jalo, o ne a gwetlha bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna matlho a puso go netefatsa gore bapalami ba bone, ba obamela melao ya ba botsogo ka nako tsotlhe.

Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o ne a supa fa ba tshegeditse monna mongwe wa Lokgwabe go ba thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go tshwarwa ka dipudi di le tharo tse go belaesegang e le tsa bogodu.

A re monna yo, wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi, o ne a retelelwa ke go tlhalosa ka botlalo gore o amana jang le dipudi tseo. 

Supt Jorowe a re ka lesego nngwe ya dipodi tseo e ne ya bona mong fa  tse pedi di santse di batlisiwa beng ba tsone.

Monna yo, go ya ka mogolwane yoo wa sepodise o tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata la Hukuntsi mo bogaufing go arabela melato ya bogodu jwa leruo.

A re fa mmelaelwa a ka bonwa molato, o ka lebanwa ke dingwaga tse di lesome mo kgolegelong, dingwaga tse tlhano e le tsa go fitlhelwa ka leruo la bogodu fa tse tlhano tsone, e le tsa molato wa go retelelwa ke go arabela ka botlalo gore o amana jang le leruo leo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2020