Kgosi Gulubane o tla bolokwa ka Matlhatso
06 Aug 2020
Kgosi ya motse wa Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Ezekiel Gulubane o tlhokafetse.
Kgosi Gulubane yo o dingwaga di le masome matlhano le boferabobedi, o tlhokafetse morago ga go lwala ka bokhutshwane.
Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, kgaitsadie moswi Mme Edith Masunga a re Kgosi Gulubane o tlhokafaletse kwa sepateleng se se ikemetseng sa Riverside kwa Francistown kgwedi eno e le malatsi a le mararo.
Mme Masunga o boletse fa Kgosi Gulubane a ne a tlhongwa Kgosi ya Gulubane ka ngwaga wa 2006 morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Kgosi Morris Gulubane.
A re pele moswi a tsaya setilo sa bogosi o ne berekela mo dikomponeng tse di farologaneng.
O tlhalositse fa Kgosi Gulubane e ne e le motho yo o lorato e bile a kgathala ka matshelo a batho ba bangwe, a supa fa e le ba lelwapa loora Gulubane le morafe wa motse oo ka kakaretso ba latlhegetswe ke mogaka.
Moswi Kgosi Gulubane o tlogela bana ba le babedi, mosimane le mosetsana, mmaagwe ga mmogo le bokgaitsadie ba le bane.
Kgosi Gulubane o tla bolokwa gone kwa Gulubane kgwedi eno e tlhola boferabobedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Gulubane
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2020