Prof Mosepele o tshwenyega ka boitshwaro
06 Aug 2020
Mothusa mogakaganyi wa lekoko la ga tautona la twantsho COVID-19, Professor Mosepele Mosepele o supile matshwenyego ka boitshwaro jo areng kgopakgopetsana le maiteko a lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
Fa a rolela sechaba maduo a masha mo Gaborone ka Laboraro, Prof. Mosepele a re dipalo tse di runyang di supa gore sechaba ga se sale morago ditaelo tsa ba botsogo tsa go iphemela mo mogareng.
A re dipalo tse di gatisitsweng tse dintsi mo dikolong, di supa gore sengwe ga se dirwe sentle ko dikolong tseo, ka jalo a kopa mongwe le mongwe go ititaa ka thupana go sala ditaelo morago.
O tsweletse a re ba tshwenyegile thata ka go thubega ga bolwetse kwa dikolong, a re se se raya gore ba tswe letsholo go batla ba ba amaneng le ba ba nang le mogare, mme a re se se kokonela lefatshe ka go dirisiwa ditsompelo le madi a mantsi.
O supile gape gore go latedisa ba ba amegileng, segolo bogolo, bana ba bannye, go dingalo ka jaana go le gantsi bana ba sa gakologelwe gore ba kopane le bo mang ko kae leng.
Prof. Mosepele o kopile botlhe ba ba amegang, go dirisana sentle le ba botsogo, go fefosa go tlhatlhoba le go ntsha maduo.
A re maikaelelo ga se go nna le ditlhatlhobo tse dintsi, mme ke go leka go iphemela ka gotlhe mo go kgonegang.
O tsweletse a re ba botsogo ba dirisana le ba maphata a mangwe, le dikhansele go ruta ka ditaelo le melawana ya COVID-19 mo mafelong a farologaneng.
Prof. Mosepele a re moono ga se go tshwaya batho diphoso, mme ke go laola bolwetse gore bo seka jwa jwelela mo sechabeng.
O tsweletse a gatelela go iphemela ka go sala ditaelo tsa botsogo morago; go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa ka molora le metsi a a phepa, go dirisa dibolaa megare le go ipipa dinko le melomo.
O gateletse gape gore madirelo a tswelele ka go kwadisa botlhe ba ba a etelang, a re seo se thusa thata go latedisa mongwe le mongwe fa bolwetse bo thubega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Molaetsa wa maduo
Date : 06 Aug 2020