Moruti o abela mogodi koloi
05 Aug 2020
Moruti wa kereke ya The Well of Life kwa Francistown, Moruti Lesley Mogasha o abetse Mme Sarah Sereetsi go tswa Matsiloje mpho ya koloi.
Mo potsolotsong le lekana la dikgang la DailyNews ka mosupologo, Moruti Mogasha a re o abetse Mme Sereetsiyo e leng mogodi koloi e le mpho ebile ele sesupo sa lerato.
“Ke utlule Modimo a ntshusumela a re thuto e ke e le rutang le le bana ke gore letlhogonolo la lona le mo batsading,” a bolela jalo.
Moruti a re thuto mo molaong wa Modimo e e lesome ke gore ba na ba tshwanetse ba tlhompha batsadi gore malatsi a bone a tle a oketsege.
Moruti Magosha a re tlhokomelo kana tlhompho ga go tewe fela mo motsading yo o tshotseng motho mme e akaretsa motsadi kana mogolo mongwe le mongwe mo setshabeng.
A re o abetse Mme Sereetsi koloi le mororo e se leloko la kereke e a e eteletseng pele ntle le gore o aga a etela kereke eo.
Mpho eo go ya ga Moruti Magosha e tlaa thusa Mme Sereetsi go ya go tsaya mosepele fa a dira ditiro tsa lelwapa le go tsamaya dilo di tshwana le bongaka, go ya go amogela madi a bogodi le go tlhola ba masika le ditsala.
Kwa ntle ga go abela bagodi dijo, kereke ya The Well of Life ke lwa ntlha e aba koloi fa e sale e bulwa ka 2017.
Moruti a re go botlhokwa gore kereke e tshwaragane le puso go tokafatsa matshelo; selo se a reng puso ga e kake ya se kgona e le yosi.
Fa a tswa la gagwe, Mme Sarah Sereetsi, yo o dingwaga tse di masome a ferang bobedi le borataro, o tlhalosa fa a itumeletse mpho eo.
O boletse ga koloi e tsile go mo thusa go dira ditiro tse di farologanyeng tsa letsatsi le letsatsi.
Mme Sereetsi a re mpho eo e ne ya mo garola pelo mme gape ya tsisa boitumelo jo bo seng kanang ka sepe, segolo jang ka a sa tlwaelana le Moruti Magosha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tessiah Mashabagole
Location : Francistown
Event : Potsoloso
Date : 05 Aug 2020