Digopa di betelela basadi ba le babedi
05 Aug 2020
Mapodisi a Letlhakane a tshegeditse banna ba le bane ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bosupa le masome a mararo le bone mabapi le molato wa go betelela mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Tawana gone kwa Letlhakane ka Matlhatso.
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane Superintendent Michael Maphephu o boleletse BOPA mo potsolotsong fa tiragalo eo, e diragetse bosigo jwa Matlhatso go itisitswe mo lwapeng.
O tlhalositse fa mme yoo a ne a ikaya fa a hupela, mme mongwe wa babelaelwa a bolela fa a na le sejeso mme ba supa fa ba ka mo thusa ka tsa bongaka.
Rre Maphephu a re banna bao, ba ne ba tsena le mme yoo mo ntlong mme ba lala ba mo amogana bosigo jotlhe ba mmetelela.
Mo go e nngwe, Rre Maphephu a re ba mo patlong ya banna ba le batlhano mabapi le molato wa go betelela mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotla ya Phase 1 kwa Letlhakane.
Banna bao, ga twe ba ne ba tshwara mosetsana yo fa a ne a buledisistse tsala ya gagwe, mme ba mo gogela mo jarateng e e gaufi ba fitlhela ntlo e sa lotelwa mme ba mo dirisetsa mo teng fa wa tsala ya gagwe ene a ne a sia.
Rre Maphephu a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipetelelo tse di tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa bone.
Supt Maphephu o tlhalositse fa ba gatisitse dikgang tsa dipetelelo di le masome mane le borataro go tswa ka Hirikgong go fitlhelela Phatwe a tlhola malatsi a le mane.
Mo pegong e nngwe supt Maphephu a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone banna ba babedi ba neng ba keteka, ba bo ba kgothotsa monna mongwe dikete tse pedi le makgolo a mabedi a dipula le tse dingwe tse a neng a di tshwere.
Supt Maphephu o rotloeditse setshaba go nna podimatseba mo bathong ba ba tsamayang ba le digongwana masigo, a gatelela ka go tlhagisa bomme go fokotsa go tsamaya bosigo ba le nosi le go ikgapha mo go itiseng le batho ba sa ba itse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gorataone Mmolotsi
Location : Letlhakane
Event : Potsoloso
Date : 05 Aug 2020