Breaking News

Mopalamente o abetse kokelo dikobo

04 Aug 2020

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o abetse kokelo ya Tsabong dikobo di le masome a mane go thusa balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong eo bogolo jang ka nako ya mariga.

Fa a ntsha mpho eo ka Mosupologo, fa a ne a ile go lekola balwetse le badiri ba kokelo eo, Rre Brooks o ne a kgothatsa badiri go tshwaragana le baeteledipele ba kgaolo go neela balwetse ditirelo tsa maemo a ntlha.

O ne a ba gakolola go thusa balwetse ka fa go tshwanetseng ka teng, go ba fa dithuso tse di maleba, le go fokotsa dinako tsa go leta.

A re gantsi banni ba lela ka go sa thusiwa ka bonako, ka jalo bolwetse bo etegele mme ba felele ba isiwa kwa sepateleng sa Princess Marina ko Gaborone, seemo se setse se ile magoletsa.

Rre Brooks o ne a supa fa a tlaa tswelela a kopa tona wa botsogo le boitekanelo go shafatsa kokelo eo, ka e onetse fela thata.

Mopalamente o ne gape a kgothatsa badiri go fapaanela dikoloi  tse di leng teng,  gore ditirelo di kgone go goroga kwa bathong ka nako.

Mothusa moanamisa mafoko wa komiti ya botsogo wa kgaolo eo, Mme Gaboelwe Rammekwa o ne a leboga mopalamente ka dimpho tseo, a  supa fa di tsile ka nako ee maleba ka go le serame thata.

Mme Rammekwa o ne a iteela mafoko a ga mopalamente kobo moroko, a supa fa kokelo eo e onetse thata, mme go le botlhokwa gore e baakanngwe. 

O ne a tlhalosa fa ba utlwile matshwenyego a ga mopalamente mabapi le ditirelo tse di sa itumediseng, a re ba tlaa leka go tlisa diphetogo le  pharaloganyo .

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre Kabelo Coetzee o ne a supa fa dimpho tsa mopalamente  di tla araba selelo sa letlhoko la dikobo mo kokelong eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Aug 2020