Breaking News

Masole a pele a supa lorato

04 Aug 2020

Badiri ba pele ba sesole sa Botswana b aba ipitsang Intake 32 of 1989 ba supile mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko ka go feleletsa le go ntshafatsa ntlo ya modiri ka bone wa pele, Sergeant Ford Rabosotho yo neng a tlogela tiro ka mabaka a tsa botsogo ka ngwaga wa 2011.

Fa a amogela masole a pele gammogo le masika le ditsala tsa ga Sergeant Rabosotho kwa modirong wa go rola ntlo bosheng, Kgosi Keresepe Keitseope wa kgotla ya Flowertown o akgoletse badiri bao ba  pele tiro e ntle e ba e diretseng modiri ka bone wa pele. 

“Re a itumela re le botsadi ka se le se dirileng. Le supa tota gore le na le maikarabelo a matona. Go le gantsi, re ipolelela fa masole ele a ditlhobolo fela, mme tiro e, ka nosi e supa fa le se masole a ditlhobolo,” ga bua Kgosi Keitseope.

Sebui sa tlotla Lt. Dickson Menyatswe, o ne a supa boitumelo a tlhalosa fa tiro e, ele e bontsi  bo ka seke bo e dire. 

“Ke itumelela gore le tswa mo diatleng tsame, le fa ke ne ke le rutuntsha ke na le ba bangwe. Gape ke lebogela go bona gore le ntswa le setse le dule mo sesoleng, le ntse le tsweletse ka mowa wa tshwaragano, o re le o rutileng kwa sesoleng,” ga bua Lt. Menyatswe.

Fa a bua mo boemong jwa Intake 32 of 1989, Warrant Officer I Batlhalefi Lepang o tlhalositse fa ba ne ba tlhotlhelediwa ke lorato le ba santseng ba na le lone mo go Sergeant Rabosotho le bana ba gagwe. 

Ka jalo, a re ba ne ba bona go tlhokafala go mo thusa go feleletsa ntlo ya gagwe e a ikagetseng mme tiro  yotlhe ya lopa madi a fetang P19 000.

Mo godimo ga moo, ba Intake 32 of 1989 ba ne ba abela Sergeant Rabosotho le ba lelapa la gagwe P2 000.  

Warrant Officer Lepang o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go wetsa tiro e are kgwetlho e tona e ne e le seemo sa thibelo kanamo ya mogare wa Corona, ka jaana ba ne ba kgorelediwa ke kiletso mesepele. 

A re ba sale ba simolola tiro ka Motsheganong a tlhola malatsi a le mabedi.

Fa a amogela mpho, mohumagadi wa ga Sergeant Rabosotho, Mme Thulaganyo Rabosotho o lebogetse kemonokeng e masole a pele a tsweletseng ka go e fa ba lelapa la gagwe. 

A re se ba se ba diretseng se tla ba namola mo dikgwetlhong tse ba ntseng ba na le tsone. 

“Ke batho ba ba lorato bo rre ba ba sesole, ba sala ba nkema nokeng go simolola ka 2011 fa monna wame a tlogela tiro ka ntata ya seemo sa botsogo,” Mme Rabosotho a tlhalosa.

Fa a leboga, Mokhanselara wa Boseja/Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye o akgotse masole go supa tshwaragano a re ke se puso le yone e se rotloetsang. 

“Mowa wa bojammogo ke one o, e seng go o supa fela motho a setse a tlhokafetse,” ga tlatsa Rre Koolekanye.

Mokhanselara Koolekanye o gateletse gore puso e le nosi ga e kake ya kgona go fitlhelela letlhoko la Motswana mongwe le mongwe, ntleng le kemonokeng ya dikompone, mekgatlho le banni botlhe ba lefatshe la Botswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Aug 2020