Dipampiri di tsene ka ga re itse
03 Aug 2020
Kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone e boleletswe fa mekwalo e e supang go bapadiwa le go ajwa ga thendara ya go batlela letlole la diphenshene tsa babereki ba puso (BPOPF) e nyeletse.
Motlhotlhomisi wa kgang kwa lekalaneng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo la Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC), Rre Kentse Setlabosheng o tlhalositse ka Labone fa ditlhotlhomiso di sa kgona go upolola mekwalo eo.
Basekisiwa mo tshekong eo ke mokwaledi wa pele wa ga Tautona, Carter Morupisi, khamphani ya R7 Group le mookamedi wa yone Pinny Morupisi ba ba lebisitsweng melato ya tshenyetso setshaba le go tsaya madi ka bokukuntshwane.
Mosekisiwa wa ntlha, Morupisi o lebisitswe melato e le mebedi ya tshenyetso setshaba, mme gape a lomaganngwa le R7 Group le Pinny Morupisi mo molatong wa go tsaya madi ka bokukuntshwane.
Dipampiri tsa tsheko di supa gore mo molatong wa ntlha wa tshenyetso setshaba, Morupisi ka nako e a neng a le mookamedi wa lephata la phiro ya bodiredi jwa puso la Directorate of Public Service Management (DPSM), gape e le modulasetilo wa komiti e e tsamaisang letlole la diphenshene tsa babereki ba puso la BPOPF ka Ngwantsele e le lesome le motso ka 2014 mo Gaborone, o ne a baya monwana tumalano e e fang Capital Management Botswana (CMB) tshwanelo ya go tsamaisa letlole la peeletso la BPOPF.
Tshwetso ya ga Morupisi e lejwa e le tshenyetso setshaba ka dipelaelo tsa gore o dirile jalo ntle le go rebolwa ke khuduthamaga ya BPOPF, le gore mo tumalanong eo, ene le R7 Group ba ne ba atswiwa.
Morupisi gape o lebisitswe molato wa tshenyetso setshaba o mo go one ba bosekisi ba tlhaloseditse lekgotla gore ka Motsheganong a le lesome le botlhano ka 2017 mo Gaborone, Morupisi, ka tumalano le Pinny Morupisi, yo e leng mookamedi wa R7 Group ba ne ba amogela mpho ya koloi ya Toyota Land Cruiser pickup, ya tlhwatlhwa ya R630 988. 99.
Mo molatong wa boraro wa go dirisa madi ka bokukuntshwane, Morupisi, R7 Group le Pinny ka Motsheganong a le lesome le botlhano ka 2017 mo Gaborone, ba dira ba le moono mongwe ba ne ba amogela le go fetolela mo tirisong ya bone Toyota Land Cruiser pickup e e rekilweng kwa Africa Borwa, mme ba na le kitso kana pelaelo e e tletseng ya gore koloi eo ya B587 BEW e ka tswa e rekilwe ka madi a a bonweng ka motswedi wa borukutlhi.
Rre Setlaboshane o tlhaloseditse lekgotla gore e ne ya re nako nngwe ka 2017, ba DCEC ba longwa tsebe ke mongwe a na le dipelaelo tsa gore CMB ga e dirise ka fa tshwanelong madi a e a filweng ke ba BPOPF go a tsadisa.
O tsweletse a re ka 2018, DCEC e ne gape ya amogela menahune ya gore modulasetilo wa khuduthamaga ya BPOPF, Morupisi, o na le botsalano le CMB, e e filweng tiro ya go tsamaisa matlotlo a peeletso a BPOPF.
A re ditlhotlhomiso di upolotse gore CMB e okametswe ke Timothy Marsland le Rapula Okaile.
Le fa dipelaelo di supa gore Morupisi o ka tswa a amana le CMB, Rre Setlabosheng a re ditlhotlhomiso di supa gore ka nako ya fa Morupisi a saena tumelano, o ne a seka a supa ka mokwalo kamano ya gagwe le kompone eo.
Le fa go ntse jalo, Rre Setlaboshane o ne a supa gore go ne go se sepe se se supang fa Morupisi a amana le CMB.
Rre Setlaboshane a re Morupisi le Okaile ba ne ba bereka mmogo kwa DPSM.
A re ka nako ya fa Morupisi a konotelela tumalano le CMB, komiti ya BPOPF e ne e phatlaladitswe ka taolo ya kgotla kgolo ya ditsheko.
O ne a tlhalosa gore BPOPF e ne e reboletse CMB P500 million go mo tsadisa.
A re mo mading a, CMB e ne e supile gore P150 million o tlaa dirisiwa go reka diabe mo komponeng ya Wilderness Safari, fa P150 million a tlaa tsadisiwa go reka diabe mo komponeng ya Kawena Holdings, P50 million a tlaa reka sephatlo sa diabe tsa Cell City le go beeletsa P50 million ka go aga sekole sa leina la Agile.
Ditlhotlhomiso di senola gore baokamedi ba CMB ba reketse R7 Group Toyota Land Cruiser.
A re bontlha bongwe jwa madi a a neng a rebotswe ke BPOPF go tsadisiwa ke CMB a selekanyo sa P33 million (R44 million), a ne a lemotshega a rometswe kwa polokelong ya kompone ya Manor Squad Services kwa Afrika Borwa, mme seo sa belaetsa batlhotlhomisi ka e se nngwe ya dikompone tse go dumalanweng go beeletsa mo go tsone.
“Manor Squad Services e ne ya rebola madi a a fetang R633 000 go reka Toyota Land Cruiser kwa CNH Toyoya Alberton,” ga tlhalosa Rre Setlaboshane.
O tlhalositse gape gore ka nako eo, Okaile e ne e le mongwe wa baokamedi ba Manor Squad Services.
Rre Setlaboshane a re go lemotshega fa koloi eo, e feletse e le mo diatleng tsa R7 Group, mme thulaganyong ya go e gorosa mo Botswana le go e fetolela mo maineng a khamphani eo e dirilwe ke Okaile.
Tsheko e reeditswe ke Moatlhodi Mokwadi Gabanagae, mme e tlaa tswelela ka Labone kwa kgotleng kgolo ya ditsheko ya Gaborone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Tsheko
Date : 03 Aug 2020