Mothusa tona o abela bagodi dikobo
02 Aug 2020
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o rotloeditse banana go neela bagodi lerato ka go ba fa tlhokomelo e ba e tlhokang ka ba sa tlhole ba na le dithata tsa go itirela.
Fa a bua kwa moletloeng wa go aba dikobo kwa kgotleng ya Modipane, Phukwi a tlhola masome a mararo, Rre Autlwetse o ne a re bagodi ke batho ba ba tlhokang tlhokomelo, ke ka moo a boneng go le maleba gore a reetse selelo sa bagodi ba Modipane sa go abelwa dikobo.
Fa a ntsha malebo, Mopalamente wa Mochudi Botlhaba e bile e le mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Mabuse Pule o ne a lebogela dikobo tse, a supa fa e le mangwe a maiteko a mantle a puso a go thusa Batswana.
Rre Pule o ne a lebogela bogogi jwa lefatshe ka go tswelela ba gopola batho ka go ba abela tse ba di tlhokang le ntswa lefatshe le le mo sefefong sa mogare wa COVID 19, a tlatsa ka go re se se supa gore le fa go le thata, Batswana bone ba ntse ba tsweletse ka go tlhokomelesega.
Rre Pule o ne a kopa bagodi ba Modipane go baya Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo dithapelong gore a kgone go tswelela ka go lwantsha segajaja sa COVID-19, a bo a rotloetsa gore go tswelelwe ka go diragatsa melawana e e beilweng ya go tlhapa diatla, go rwala dibipa molomo le dinkgo le e mengwe go hema kanamo ya bolwetse jo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Modipane
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Aug 2020