Breaking News

Bana ba abelwa tsa mariga

02 Aug 2020

Kgosi Neo Letlhare wa Lejwana o akgotse mogokaganya ditiro tsa ofisi ya ba-na-le bogole kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa, go bo a abetse sekole se sebotlana sa Lejwana diaparo tsa sekole tsa mariga.

E rile a amogela dilwana tse bosheng, Kgosi Letlhare a tlhalosa fa Rre Motingwa a dirile tiro gonne makgwe le dijesi tseo di tsile mariga. 

O supile fa bana ba le masome a mabedi le bobedi ba tlaa akola diaparo tseo mme selo se se tlaa ba thusang go dira sentle mo dithutong.

Kgosi o ne a tlatsa ka go re Modimo o tlaa segofatsa Rre Motingwa ka seo, mme a mo kgothatsa gore a tswelele a dira tiro e ntle e.

Fa a amogela dimpho, morutabana wa sekole seo, Mme Annah Kabalanyane o ne a tlhalosa fa ba itumeletse go bo bana ba bone ba bannye ba tlhokometswe thata ke Rre Motingwa.

O kaile gore mo nakong e ya bolwetse jwa corona go botlhokwa go apara bothito, ka jalo o itumelela gore se se tlaa thusa bana gore ba seka ba tsenwa ke mogare o, o o kekelang fa go le tsididi.

Mme Kabalanyane o kopile botsadi gore ba tlhokomele dimpho tse thata gore bana ba gole ba ntse ba di dirisa.

Mokhanselara wa Lejwana Rre Beach Mooketsane o lebogile Rre Motingwa go menaganye go bo a bone go le botlhokwa go gopola bana ba sekole mo nakong e e thata ya mogare wa corona.

O kaile fa se se dirilweng ke Rre Motingwa e le thuto mo ng le mongwe.

Ka jalo a ne a gwetlhega le ene a itlama go rekela bana dithiba melomo le dinko.

Rre Mooketsane o supile gape gore o solofela fa se se tlaa kgotlhatsa bana gore ba dire sentle mo dithutong.

O kopile banni ba Lejwana go ititaya ka thupana a ba kgothatsa gore le bone ba nne le mowa wa lerato wa go aba.

A re go botlhokwa gore motse o tume ka dilo tse dintle.

A re seo se ka diragala fela ka seabe sa bone, jaaka go thusa ba ba kobo di khutswane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Lejwana

Event : Kabo dimpho

Date : 02 Aug 2020