Breaking News

Lephata le tlaa fefosa dituelo tsa ISPAAD

30 Jul 2020

Mokwaledi wa lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Jimmy Opelo, a re seemo sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD se tlaa tokafala.

Fa a rolela komiti ya palamente ya madi a setshaba (PAC) pego bosheng, Rre Opelo o tlhalositse fa lephata la gagwe le diegile go duela balemi bangwe, selo se a reng se bakilwe  ke dituelo tse di neng di dirwa fela kwa ofising kgolo ya lephata.

A re go tokafatsa le go fefosa dituelo, dikgaolo jaanong di na le  matlole  a madi go duela balemi kwa mafelong a bone.

Rre Opelo a re ba lemogile seemo sa tiego mo dikgaolong dingwe, mme ba tlaa ema ka dinao go fefosa dituelo tse di neng di saletse kwa morago.

O ne a tlatsa ka gore dikgaolo tse di feletsweng ke madi di ne tsa thusiwa gape ka madi a tlaleletso

Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa lenaneo la ISPAAD le tumile thata mo go bomme fa go tshwantshanngwa le borre.

A re nngwe ya tse di amang seo e ka nna gore borre ba bantsi thata kwa oditirong tsa diofisi.

O ne gape a re bontsi jwa bomme mo mananeong a temo thuo bo lemogiwa le mo mafatsheng mangwe a bapileng le Botswana.

Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa go le botlhokwa go tsosolosa matlhabelo a BMC.

O ne a tlatsa gape ka gore lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya thekiso ya dikgomo, mme a dumela gore lengwe la mabaka aa dirang gore balemi ba rekise ka dipalo tse di kwa tlase ke dituelo tse a tlhalositseng fa baruakgomo ba di ngongoregela.

Maloko a kimiti e, a ne a kopile tlhaloso ka dituelo tsa ISPAAD le go tsosolosa itsholelo ya BMC.

Leloko la komiti e bile e le mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o ne a lemotsha lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo gore go nnile le tiego ya dituelo tsa ISPAAD segolo bogolo mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane.

Mopalamente wa Mochudi East, Rre Mabuse Pule, ene a re go lemosegile fa bomme ba le bantsi mo lenaneong la ISPAAD, mme a botsa lephata gore le dira eng go akaretsa le borre.

Mopalamente wa Ghanzi North, Rre John Thiite, o ne a supa fa dipalo tsa thekiso ya dikgomo kwa BMC e wetse tlase, mme a botsa gore lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo le dira eng go baakanya seemo segolo bogolo lea itebagantse le dituelo tsa baruakgomo.

Rre Thiite o ne gape a kopa lephata go tlhalosa botlhokwa jwa go tsosolosa BMC, ka jaana go lebega maikaelelo a pele a sa diragala go tsosolosa matlhabelo a.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Pego ya komiti ya palamente

Date : 30 Jul 2020