Breaking News

Tutume o fetiseditse madi mangwe kwa Chobe

29 Jul 2020

Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang, a re kgaolo ya gagwe e ngathetse Chobe P4 million mo go P5 million yo a neng a beetswe lebala la metshameko kwa Tutume.

Mme Kerekang o buile se fa a ne a lekodisa baeteledipele ba Tutume ka Mosupologo.

A re kgaolo ya Chobe e ne e kopa madi ka Tutume o ne a santse a na le kgwetlho mabapi le gore setsha se se kwa Magapatona se ne se sa siama ka se ne se le kgakala le ditlamelo e bile go gokela motlakase le metsi teng go feta madi a ba neng ba abetswe.

Molaodi a re ka ba ne ba santse ba sekaseka lefelo le lengwe ba ise ba simolole tiro, kgaolo ya Chobe e ne ya kopa bontlha bongwe jwa madi ao.

A re boeteledipele jwa motse bo ne jwa sekaseka lefelo go bapa le la ditshupo mme ba bone le le botoka ka go gokela metsi le motlase go se turo jaaka kwa setsheng sa pele.

Mme Kerekang a re ka P1 million yo na setseng, ba tlaa tswelela ka go dira sengwe kwa lefelong leo e se re gongwe madi a a setseng a ba tswa ka diphatlha tsa menwana.

E re dikgang di eme jalo, mo phuthegong e e neng e tsene ka Tlhakole, banni ba kgotla ya Magapatona ba ne ba supa fa ba sa dumalane le tshwetso e e tserweng ke baeteledipele ba khansele potlana go fudusa lebala leo kwa kgotleng eo, ka jalo ba kwalela molaodi le tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao ka ngongora e.

Mo bokopanong jwa beke e, Kgosi Morgan Kenalemang wa kgotla ya Timbi o ne a supa fa ba santse ba emetse karabo mabapi le dingongora tsa bone.

A re ba sale ba kopile go tla go rerisiwa, mme nako kgolo ke eno.

Kgosi Kenalemang a re go tlhoka therisanyo le tirisanyo mmogo go ka thuba metse ebile go kgoreletsa ditlhabololo go tswelela.

Bontsi jwa dibui di ne di kopa batho go tlogela go gogagogana, ka  jaana dipharologanyo di dia ditlhabololo.

Ba re ditlhabololo tse di tlang mo motseng di tshwanetse go amogelwa ka mowa o le mongwe ba sa lebelele gore di beilwe kwa kgotleng efe, ka e le morafe o le mongwe.

Molaodi Kerekang o ne a ba solofetsa fa ba tlaa kopana le banni ba Magapatona mabapi le dingongorego tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Tekodiso baeteledipele

Date : 29 Jul 2020