Puso e itebaganya le go ruruga ga sebete
29 Jul 2020
Lephata la Botsogo le Boitekanelo le tlaa simolola lenaneo le le popota la go thibela kanamo ya mogare wa HIV le wa bolwetse jwa sebete gammogo le jwa thosola go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.
Tona wa lephata le, Dr Lemogang Kwape, o buile se fa a rola molaetsa wa letsatsi la mafatshefatshe la bolwetse jwa go ruruga sebete la Phukwi a le malatsi a le masome a mabedi le boherabobedi.
A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a dumalaneng le moalo wa ditogamaano tsa botsogo ka bolwetse jwa sebete wa 2016 go ya go 2021.
Ke sone se lefatshe le le nang le maikaelelo a go nyeletsa bolwetse jwa go ruruga sebete ka ngwaga wa 2030.
Dr Kwape a re maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa phokotso ya manokonoko mo go ba ba ka bong ba lwala gore ba bonwe le go fiwa kalafi pele bolwetse bo jwelelela.
O ne a tlhalosa gore go na le mehuta ya mogare e le metlhano e e bakang bolwetse jwa sebete mme yone ke A, B, C, D le E.
Mogare wa B le C ke one o o bakang dintsho tse di ka tshwarang sedikadike le makgolo a mararo a dikete ngwaga le ngwaga.
O tlhalositse fa bolwetse jo bo le matshosetsi mo botsogong jwa setshaba.
Dr Kwape a re bolwetse jo, bo gapa matshelo a le sedikadike le dikete di le makgolo a mane ngwaga le ngwaga lefatse ka bophara.
A re bolwetse jwa sebete bo sala morago jwa kgotlholo e tona ka dintsho tsa malwetse a a tshelanwang.
A re maikaelelo ke go rotloetsa phokotso ya manokonoko ka go hehogela go batla bao ba ba kabong ba lwala gore ba bonwe, gore ba fiwe kalafi pele ga bolwetse bo jwelelela.
Tona Kwape a re se se botlhokwa ke gore fa se sa dirwe sentle le ka nako, didikadike di tlaa tswelela di lwala le go latlhegelwa ke matshelo.
Tona Kwape o tlhalositse fa puso e tsweletse ka go nonotsha mananeo a go tsaya dipalo tsa malwetse a thosola le HIV gore a tle a lwantshiwe sentle
Tona a re kgwetlho e tona ke go fokotsa dipalo tse mo nakong eno di leng magareng ga didikadike tse thataro le lesome go ya kwa go tse di ka fa tlase ga sedikadike ka ngwaga wa 2030.
A re maikaelelo a mangwe ke go fokotsa batho ba ba tlhokafalang mo ngwageng go tswa mo sedikadikeng le makgolo a le mane a dikete go ya kwa sephatlong sa sedikadike ka 2030.
A re bolwetse jwa sebete bo bolaya bo didimetse ka gore go na le di dikadike tsa batho ba ba tshelang ka mogare mme ba sa itse.
Tona a re go na le bosupi jwa gore batho ba le masome a supa le botlhano mo lekgolong ba na le mogare wa sebete o o bakwang ke mogare wa C, mme ba sa itse.
Go ya ka lekgotla la mafatshefatshe la botsogo, go na le batho ba ba ka tshwarang didikadike di le makgolo a le mararo le masome a mabedi le botlhano lefatshe lotlhe ka bophara, ba ba amilweng ke mogare wa B le C, mme bontsi jwa bone go sa kgonege gore ba ka tlhatlhobiwa le go fiwa kalafi.
Ka jalo, Tona Kwape o tlhalositse gore mo dipatlisisong tse di dirilweng ke lekalana la Botswana Harvard Partnership (BHP), go supagetse fa mekento ya itshireletso e thusitse go thibela megare ya go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.
A re se se diragetse mo karolong e e akaretsang bana ba ba fetang masome a robang bongwe mo lekgolong ba ba neng ba filwe mekento ya itshireletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Colling Ntesang
Location : GABORONE
Event : molaetsa wa letsatsi la mafatshefatshe
Date : 29 Jul 2020