Breaking News

Puso ga e a emisa Ipelegeng - modulasetilo

28 Jul 2020

Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Mme Khumoyame Lekoko, o tlhaloseditse banni ba metse ya Maunatlala, Lesenepole le Moremi kwa kgaolong ya Lerala/ Maunatlala fa lenaneo la Ipelegeng le sa emisiwa.

Mme Lekoko o tlhalositse seo, mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Sethabelo Modukanele bosheng.

O ne a tlhalosetsa banni fa puso e lemogile fa lenaneo le le ka nna le seabe mo go anamiseng mogare wa COVID- 19 ka babereki ba teng ba dira ka go fapaanela didirisiwa le go kgobokana.

A re puso e itse botlhokwa jwa lenaneo le ka le thapa bontsi ja batho go ba namola mo lehumeng, a a fa sekai ka babereki ba ba thapilweng go phephafatsa kwa dikolong ba eleng bontlha bongwe jwa lenaneo le.

E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, a akgolela banni ba Maunatlala tirisanyo mmogo ya bone mo go lwantsheng COVID-19 le go sala ditaelo tsa  botsogo morago.

Mme Lesole o ne a tswelela ka go rotloetsa banni go dirisa metsi le molora go tlhapa diatla  le go ela tlhoko di bolaya mogare le go di baa mo mafelong a a faphegileng go iletsa bana go di dirisa ka di ka nna borai mo matshelong a bone.

E ntse e le mo diphuthegong tseo, Kgosi Kgosiemang Kebuamotse wa Lesenepole o ne a ntsha matshwenyego a letlhoko la koloi le gore diofisi tsa gagwe di tlhoka go shafadiwa.

Kwa Moremi, Kgosi Major Tshito Days  ene o ne a itela ka letlhoko la metsi a a bothitho kwa sekolo se se potlana sa Mapulane, a tlhalosa fa se se thuthafatsang metsi se sa  bereke.

Rre Days o ne a tlhalosetsa mopalamente gape gore ba filwe koloi kwa kgotleng mme ga e na mokgweetsi.

Le ene fela jaaka dibui tse dingwe o ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya gagwe go tswelela ka go itlhokomela go thibela COVID-19.

O ne a kgothatsa banana go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe la bone ka go  dirisa mananeo a puso a a teng go lwantsha lehuma. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : MAUNATLALA

Event : diphuthego tsa kgotla

Date : 28 Jul 2020