Breaking News

Dikereke di kopiwa go obamela melawana

28 Jul 2020

Dikereke di kopilwe go obamela melao ya botsogo e e itebagantseng le go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Fa a bua kwa bokopanong jwa lekgotla la baruti ka Mosupologo, Bishop Morategi Selapa yo e leng modulasetilo wa lekgotla leo kwa Serowe, o boletse fa baeteledipele ba dikereke ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa maloko go obamela melao.

A re mogare wa corona e santse e le kgwetlho lefatshe ka bophara mme dikereke di tshwanetse go nna le seabe go thusa go thibela kanamo ya one.

Bishop Selapa a re baeteledipele ba tshwanetse go netefatsa gore dikereke tsa bone di sala morago tsamaiso ya go kwala maina a ba ba tsileng kerekeng, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa kana go itshasa sanitiser, go tsaya mogote le gone go obamela dipalo tse di letleletsweng go tsena mo kerekeng.

Bishop Selapa a re ba ba sa direng jalo ba tlaa tseelwa dikgato tse di lebaneng fa ba ka tshwarwa.

O ne a rotloetsa dikereke go bopa dikomiti tsa botsogo gore melaetsa ya botsogo e anamisiwe sentle.

Mo go tse dingwe, Bishop Selapa o ne a bolela fa ba ne ba tshwanelwa ke go kopana go tsibosa baeteledipele ba dikereke ka kgwedi ya thapelo kgatlhanong le segajaja sa HIVAIDS e e tlaa bong e tshwarwa ka kgwedi ya Lwetse.

O ne gape a itsise batsena phuthego eo fa e tlaa re mo kgweding ya Phatwe go nne le malatsi a beke a go tlaa tshwarwang letsatsi la go rutana ka Baebele.

A re mo nakong eno, maloko a dikereke ka go farologana a nne ba letile go utlwa ka fa malatsi ao a tlaa tsamaisiwang ka teng.

Le fa go ntse jalo, Moruti Thulaganyo Kamelo wa kereke ya Nazareth o ne a supa matshwenyego ka baruti bangwe ba a bolelang ba le maoto a tshupa go tsena bokopano jwa lekgotla la dikereke.

O ne a kaya fa go ngomola pelo go bona go tla palo e potlana fela mme ba ba tseneng bokopano ba sa ntshe mabaka a go sa tleng ntswa ba itse tsamaiso.

Moruti Kamelo re baruti ba tshwanetse go nna sekai mo malokong a dikereke ebile ba tshwanetse go amogana thuto le ba ba ba tlhatlhamang gore e re fa ba seyo ba tshwerwe ke ditiro tse dingwe, ba kgone go tsweledisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : bokopano jwa lekgotla la baruti

Date : 28 Jul 2020