Breaking News

Batswana ba kopiwa go nna podi matseba

27 Jul 2020

Moanamisa mafoko wa lekalana la Competition and Consumer Authority, Rre Gideon Nkala, o kopile Batswana go ela tlhoko dikgwebo tsa tsietso tse di atileng mo malatsing a.

Rre Nkala o tlhalositse mo potsolotsong gore lekalana  leo le lemogile tlhagogo ya methale ya go dira madi e se ka fa molaong.

A re molao o sireletsa ditshwanelo tsa moji moreki, mme ope fela yo o ka fitlhelwang mo mekgatlhong ya go dira madi ka mokgwa wa pyramid, kana a oka batho go tsena mekgatlho ya mofuta oo, o ka atlholwa P100 000.

Rre Nkala o tlhalositse fa kgwebo ya mofuta oo, e sa kwadisiwe mo molaong mme ebile e sa letlelelwe.

O tlhalositse gore mo mekgatlhong ya mofuta o, ga gona sepe se se rekisiwang, ka jalo motho o tshwanetse go ipotsa gore madi a go bolelwang a oketsega, a tswa kae ebile a tla jang gore a bo a oketsegile.

A re mofuta o wa tsietso o ikaegile ka go gweba ka madi le go okela batho ba bangwe go tsenya madi a bone, a re pheleletsong batho ba tswa ba iphotlhere fela.

Rre Nkala o tlhalositse fa kgwebo ya dipyramid scheme e sena pele le morago, gape go sena kwa motho a ka balang teng ka yone go ka tlhaloganya sentle.

A re e bolelwa le go tlhalosiwa ka molomo, e sena tirisano le dikhamphane dipe tsa boammaruri.

Rre Nkala o tlhalositse fa go gweba ka madi ga mofuta oo go sa letlelelwe gotlhelele, mme a re Batswana ba nne podi matseba.

A re go gweba ka madi mo, go felela ka selelo le khuranyo ya meno ka go ama malwapa, masika, ditsala le itsholelo ka kakaretso ka bangwe ba tsaya matsana a bone a bofelo mme ba tswe ba iphothere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2020