Dikolo di amogela dibuka le dipone
27 Jul 2020
Khamphane ya Botswana Book Project e abetse baithuti ba lekwalo la bosupa ba dikolo tse dipotlana kwa Molepolole Borwa dipone le dibuka di feta dikete di le lesome le boraro.
Sekolo sengwe le sengwe se abetswe dibuka di le sekete le makgolo a matlhano fa dipone tse di dirisang marang a letsatsi di abetswe ngwana mongwe le mongwe wa lekwalo la bosupa mo dikolong tsotlhe.
Fa a amogela dimpho tse bosheng, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Kabo Morwaeng, o boletse fa dibuka tse di tlaa thusa baithuti ka ba gaufi le go kwala ditlhatlhobo.
O ne a tlatsa ka gore baithuti ba lekwalo la bosupa ba lebanwe ke kgwetlho ka dithuto tsa bone di kgaupeditswe ke segajaja sa COVID-19.
Rre Morwaeng, yo gape e leng Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, o kopile barutabana go tswelela ka mowa wa boineelo mo tirong.
O ne gape a lebogela Botswana Book Project go rotloetsa baithuti go tlhagafalela thuto le go thusa puso fa e tlhaelang teng.
O gateletse botlhokwa jwa thuto ka a re ke yone fela e ka inolang motho mo lehumeng, a tlatsa ka gore itsholelo e e ikaegileng ka dikitso e simolola ka thuto go tswa kwa moding.
Rre Morwaeng a re o kgotsofalela seemo sa go sala morago melawana ya go lwantsha kanamo ya mogare wa corona mo dikolong tsotlhe kwa kgaolong ya gagwe.
O ne gape a akgolela barutabana tiro e ntle e ba e dirang, a supa gore mo dikolong ka bophara, bana le bone ba setse ba tlwaela go tshelela mo seemong se sesha.
A re sebe sa phiri ke tlhaelo ya metsi, mme a tlhomamisa fa seemo seo se tla tloga se tokafala.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Botswana Book Project, Rre Ezekiel Malenga, o boletse fa puso e dirile go le gontsi go tlhabolola thuto, ka jalo go botlhokwa gore ba-na–le-seabe ba tsenye letsogo go thusa.
A re mo isagong, ba tlaa leka go dira di satellite library mo dikolong ka jaana ba lemogile fa bontsi jwa dikolo di sena metlobo ya dibuka.
Mogokgo wa sekolo se se potlana sa Lekgwapheng, Mme Aisha Kokoro, o ne a lebogela dimpho. A re dipone tse di a go thusa bana ba ba senang motlakase kwa malwapeng.
A re dimpho tseo gape ke tlhotloetso mo barutabaneng go dira ka natla, ebile a solofela fa maduo a monongwaga a tlaa tokafala.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 27 Jul 2020



