Breaking News

Bojalwa le go kgweetsa ga di tsamaelane

26 Jul 2020

Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re mapodisi  a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa e bile ba itshietse nnotagi.

Mo potsolosong bosheng, Rre Motube, o boletse fa seemo sa dikotsi se tshwenya ka malatsi a boitapoloso.

Le fa go ntse jalo, a re ka malatsi a ga Tautona a a sa tswang go feta, dipalo tsa dikotsi di wetse tlase gosenene.

“Le ntswa go nnile le dintsho, re lemogile kwelo tlase ya ditlamorago tsa go kgweetsa ka bohahalele. Ngwaga wa 2019 re ne re na le dintsho tsa dikotsi tsa tsela di le tlhano le dikgobalo tse di masisi di le lesome.”

Rre Motube a re monongwaga go nna botlhaswa ga bakgweetsi go bakile dintsho tsa batho ba le bararo le dikgobalo di  roba bobedi, tse tsotlhe e leng bontlha bongwe jwa dikotsi tse 186 tse di diragetseng ka malatsi a boikhutso a letsatsi la ga tautona.

A re ba gatisitse melato ya go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e le sekete le masome a mararo le boroba bobedi ka malatsi a boitapoloso.

A re ba ne ba tshwara bakgweetsi ba le makgolo a supa, masome a mabedi le bone ba ba neng ba kgweetsa ba sena teseletso.

Rre Motube a re mo palong eo, bontsi ke ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa gotlhelele, fa bangwe ba ne ba re ba di lebetse, fa tse dingwe di dule mo tirisong.

“Ka nako ya fa re emisa batho go tlhatlhoba dikoloi tsa bone ka malatsi a, re fitlhetse ba le makgolo a mane le masome a supa ba kgweetsa ba sa dirise mabante a itshireletso,” a tlhalosa jalo

A re monongwaga dipalo tsa ba ba kgweetsang ba sena teseletso tsa go kgweetsa le ba ba sa diriseng mabante a itshireletso di oketsegile.

Rre Motube a re ba tshwentswe gape ke dipalo tsa dipetelelo tse di akaretsang bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano.

 “Re nnile le dipetelelo tsa bana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano, lesome le bobedi le ba dingwaga tse supa ba le babedi.”

Mo tiragalong e nngwe, Rre Motube a re mosetsanyana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi o ne a tlogetswe le rre yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi  mme a sala a mmetelela.

Mo go e nngwe Rre Motube a re rre wa dingwaga tse masome a mabedi le borobabongwe o ne a betelela ngwana wa dingwaga tse thataro kwa kgotleng ya Kgaphamadi kwa Maun fa a ne a kopilwe go sala a mo tlhokometse.

A re bomme ba le lesome le bosupa ba ne ba betelelwa ba tswa kwa marekisetsong a bojalwa mme ba dirisa tsela tse di sa sireletsegang.

Rre Motube a re ditiragalo tse tsa petelelo di diragaletse kwa Jwaneng, Maun le Charles Hill.

Assistant Commissioner Motube a re ditlhotlhomiso di tsweletse gore babelaelwa ba tle ba lebisiwe melato.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Molosi

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2020