Breaking News

Go somarela ngwao go botlhokwa

26 Jul 2020

Mogokaganyi wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao kwa kgaolong ya Borwa, Mme Minkie Bokole, o akgoletse mokgatlho wa Ga MmaLeema go ruta le go tsosolosa ngwao ya Sengwaketse.

O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la matsalo a ga kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, kwa Kanye ka Matlhatso.

Moletlo o, o o mo ngwageng wa boraro, o ne o rulagantswe ke komiti ya Ga MmaLeema le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy.

Mme Bokole o rotloeditse maloko a komiti eo go tswelela ka go rotloetsa ngwao ka jaana e le botlhokwa go ageng serodumo sa morafe.

O boletse fa ngwao e bopa setshaba.

Mme Bokole a re le ntswa go le botlhokwa gore Bangwaketse ba tsosolose ngwao ya bone, ba tshwanetse gape ba amogela merafe e mengwe ebile ba tshele le yone ka kagiso.

O ne gape a kopa Kgosi Malope II le mophato wa gagwe go emela morafe ka dinao go o sireletsa mo borukutlhing  segolo jang dipolao le dipetelelo.

E rile a tswa la gagwe, Tona wa Botsogo le Boitekanelo, ebile e le mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, a tlhalosa fa komiti le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy ba nnile sekao sa gore kgosi e a tlotlwa jaaka.

A re o itumedisitswe ke go bona ka fa batho ba itshwereng ka teng kwa moletlong oo go supa fa ba tlhaloganya seemo sa segajaja sa COVID-19.

Dr Kwape o ne gape a akgola bana ba sekole seo, a re go bo ba tlhamile motshameko ka bolwetse jwa COVID-19 go supa tota fa ba tlhalogantse melaetsa ya puso le ba botsogo.

O rotloeditse setshaba go tswelela ka go ipabalela le go dira tsotlhe tse ba di beilweng pele go thibela kanamo ya bolwetse jo.

A re motho o tshwanetse go tlhalehisiwa ke seru kana seemo se a iphithelang a le mo go sone, ka jalo a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go tswelela ka go ipabalela.

Modulasetilo wa komiti, Rre Motswakgakala Sealetsa, o tlhalositse fa mo maitekong a bone a go tsosolosa ngwao ba tshwanetse go tlotla Kgosi Malope II ka go mo direla moletlo wa letsatsi la matsalo.

A re se ke go supa gore tlotlo mo bagolong e botlhokwa ka ngwao ya Sengwaketse.

A re le ntswa ba ne ba ikaeletse go direla moletlo oo kwa kgotleng jaaka ba ne ba dirile ngogola, ba ne ba patelesega go fetola lefelo ba lebeletse melawana ya botsogo e e tshwanetseng go salwa morago ka maiteko a go hema kanamo ya mogare wa corona.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Malope II o ne a supa fa a itumetse thata ka e bile a ne a sa solofela fa moletlo oo o tlaa nna teng monongwaga.

A re se se dirwang ke komiti eo le sekole sa Kidz Academy ke sesupo sa mowa o montle o o nang le maikaelelo a a molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : moletlo wa go ipelela letsatsi la matsalo

Date : 26 Jul 2020