khamphane e akgolela puso go e abela tiro ya ditena
26 Jul 2020
Modulasetilo wa khamphane ya Itsoseng kwa Phitshane Molopo, Mme Kgakgamatso Matlala, o lebogetse puso go ba abela tiro ya go dira ditena tsa kago ya kokelo ya Moshupa.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Matlala o tlhaloitse fa ba setse ba rotse ditena di feta 12 000, mo go tse 50 000 tse ba tshwanetseng go di dira.
A re khamphane ya bone e simologile ka 2018 ka dithuso tsa nyeletso lehuma, mme lekalana la BITRI le ba rutuntshitse go dira ditena.
Mme Matlala o kaile fa ditena tse ba di dirang e le tsa maemo aa kwa godimo ka ba dirisa mmu oo tlwaelesegileng ka go bidiwa wa Kgalagadi.
O kaile fa metse ee mo molapong o montsho; Mabule, Mmakgori, Tshidilamolomo go ya kwa Sekhutlane, e agile ka setena seo, .
Morutuntshi go tswa kwa BITRI, Rre Bampoloki Kopane, o tlhalositse fa setena se ba se dirang e le se se thata e bile se sa thubege thubege fela ka ba dirisa boranyane jo bo tlhwatlhwa le mmu o o lolameng. A re ka letsatsi ba dira ditena di le 750.
Rre Kopane o kaile fa maphata a puso mo kgaolong a reka setena se.
A re khamphane e setse e godile, e bile badiri ba yone ba setse ba itse tiro, a tlatsa ka gore o dumela fa e tlaa ntsha ba le bantsi mo lehumeng.
Khamphane eo e thapile batho ba le masome mabedi le bobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : PHITSHANE MOLOPO
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2020