Breaking News

Baleseng o tlhotlheletsa banni go ithaopa

26 Jul 2020

Motshwarelela moeteledipele wa pele wa lekgotla la boikuelo la ditsheko tsa setswana, Rre Baleseng Baleseng a re boithaopo ke selo se se botlhokwa.

Rre Baleseng o buile se fa a abela bana ba ba tlhokileng lesego dimpho go tswa kwa mokgatlhong wa sefaapano se sehibudu.

O tlhalositse fa boithaopo bo tlhoka lerato le bopelotelele.

Dimpho tseo di ne di akaretsa dikobo, diatlana tsa botsogo le tse dingwe.

Rre Baleseng a re mokgatlho wa sefapaano se sehibidu o simologile mo Botswana ka ngwaga wa 1968, a tlhalosa fa o aname le lefatshe ka bophara, mme go utlwisa botlhoko gore dipalo tsa baithaopi kwa Kanye di tsena mo seatlang.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba bogosi ba itsisiwe ka mokgatlho oo, a re seo se tlaa thusa ka jaana ba tlaa bolelela morafe gore ba kgone go rotloetsa maloko a masha.

Rre Baleseng a re mokgatlho o o botlhokwa ka o rotloetsa kagiso le popagano, ka jalo a eletsa go bona batho ba na le mowa wa kutlwelobotlhoko le lerato.

O ne a gape a abela mokgatlho oo masome a matlhano a dipula a bo a supa gore o tlaa tswelela a ba eme nokeng le gone go ikwadisetsa boloko.

Mogolwane wa mokgatlho oo, Mme Baoki Baboile, ene o ne a tlhalosa fa ba na le mananeo a le mantsi, mangwe a one a lebagane le dibetsa tsa tlholego, thuso ya potlako le go thusa bana ba ba tlhokileng lesego.

A re baithaopi ba mokgatlho oo, ba tsere karolo ya go nna batsadi ba bana bao, go ba thusa fa ba kgonang teng, gore ba ba lebatse dikgang tsotlhe tse di botlhoko tse ba kileng ba kopana natso.

Le fa go ntse jalo, Mma Baboile o tlhalositse fa dingwe tsa dithuso ba sa kgone go di fitlhelela ka ba ithaopa ka go ntsha se ba nang le sone.

O tlhalositse fa ba ne ba bona go le botlhokwa go thusa bana bao ka dikobo ka jaana di tlaa ba boloka mo serameng mo pakeng eno ya mariga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 26 Jul 2020