NDB e rotloetsa temo ee nonofileng
26 Jul 2020
Mookamedi wa National Development Bank (NDB), Mme Lorato Morapedi, o rotloeditse balemi go dirisa maranyane a segompieno a temo go fefosa maduo le go ntsha dijo tse di lekanyeng Botswana.
Fa a bua le babega dikgang mo Gaborone ka Matlhatso, Mme Morapedi o boletse fa banka eo e lemogile fa letlhoko la dijo le le kwa godimo, ka jalo e bolotsa letsholo go rotloetsa balemi go dirisa maranyane.
A re e rile ngwaga o simolola, banka ya dira mananeo aa neng a kgorelediwa ke segajaja sa COVID-19.
A re batsamaisi ba ne ba kopana gape go sekaseka mananeo ao go tswa ka maiteko a masha a go thusa bagwebi go tswelela ka go gweba ba sa kgopakgopediwe ke COVID-19.
A re NDB e mo dipuisanyong le lekalana la SPEDU go bona gore ba ka dirisanya jang le balemi ba kgaolo ya SPEDU segolo jang ka kgaolo eo e na le lefatshe le le siametseng temo ya merogo.
O tlhalositse fa maikaelelo e le go sekaseka gore ba ka rotloetsa jang balemi go jesa lefatshe mo nakong e e sa fediseng pelo.
“Re na le lenaneo le le bidiwang Letsema 2019/2022 gore tsweledisa pele, ” mookamedi wa NDB a tlhalosa.
Mme Morapedi a re ba ne ba bona go le maleba go oketsa mananeo a bone go thusa ba ba nang le keletso ya go lema merogo le maungo, go rua dihutshane le dikoko.
Banka ya ditlhabololo e thusa dikgwebo tse di simololang le tse di setseng di le teng go atolosa ditirelo tsa tsone.
“Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, re ntse re thusa makalana a a farologaneng a itsholelo ka dithuso tsa madi mme ra lemoga fa lefatshe la rona le tlhaela mo dijong. Re ne ra tsaya tshwetso ya go thusa banana go dirisa mananeo a rona go bula dikgwebo,” a tlhalosa jalo.
O boletse fa NDB e ntse e thusa balemi ba temo ya komelelo, ba thuo ya dikgomo le temo ya merogo tse tsotlhe mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng di lopileng P1.7 billion, selo se a reng se supa fa thuso e le e e nametsang.
Mme Morapedi a re mo godimo ga mananeo a, ba na gape le keletso ya go atisa temo-thuo ya kgwebo e seng ya go itshetsa fela mo malwapeng.
A re se, se atlegile thata kwa Pandamatenga le Mosesedi ka bontsi jwa dijo tse di jewang mo lefatsheng leno di tswa teng.
A re ka balemi ba Pandamantenga ba na le dikitso, banka e na le tumalano le bone go thusa balemi ba ba botlana ba Chobe gore ba seka ka bona pharologanyo mo boleng jwa se se robiwang ke molemi yo mmotlana le yo mogolwane.
Mo go tse dingwe, Mme Morapedi a re segajaja sa COVID-19 se amile mabolokelo a bone a madi ka dikgwebo, segolo bogolo tse dipotlana di ne di sa dire ka nako ya kiletso mesepele.
“Re nnile le ditatlhegelo tsa madi a a kana ka didikadike di le masome a supa le bone ka dikgwebo ka bontsi di ne di tswetswe. Dikgwebo tsa Batswana le tsone di ne tsa latlhegelwa ke selekanyo sa didikadike di le lesome le boroba bobedi.”
A re le ntswa dikgwebo di amegile, dikadimo di ile fa godingwana ka sephato se le masome a mabedi le boraro go tswa mo lekgolong.
Mogolwane go tswa NDB, Rre Jerry Mowendapole, ene a re mo godimo ga ditsetlana tsa itshireletso tsa COVID-19, ba ne ba fetola melawana mengwe ya banka ya ditlhabololo.
A re bangwe ba babereki ba bone ba theogelela kwa malwapeng ba dirisa maranyane ka dinako tse di rileng.
O supile fa se, e le maiteko a go fokotsa mosuke kwa madirelong a bone.
“Bagwebi ba rona ba ka bona dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang mo maranyaneng. Ga go tlhokafale gore motho a tle kwa madirelong,” Rre Mowendapole a tlhalosa.
A re mo go thuseng dikgwebo tse di amegileng ba kopana le bagwebi ka bongwe ka bongwe go sekaseka ka fa ba amegileng ka teng le gore ba ka busa madi jang.
Mo go ba bangwe a re ba tsere tshwetso ya gore fa nako ya go busa madi e goroga ba seka ba a busa a na le morokotso jaaka ba ne ba dumalane le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oarabile Molosi
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2020