Metlha ga se ya maloba kwa Damochu
23 Jul 2020
Kgosi Motsholetsi Kebalepile wa Damochujenaa kwa kgaolong ya Mmadinare a re tlhaelo ya metsi kwa motseng oo e tokafetse.
Kgosi Kebalepile o boleletse BOPA fa a lebogela maiteko a a dirilweng ke Water Utilities Corporation (WUC) go ba leretse metsi.
A re mo lobakeng lo mogare wa corona o tlhasetseng, go botlhokwa gore batho ba nne ka go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa.
Kgosi Kebalepile a re Damochujenaa le fa a sa gokelwa metsi, WUC e dirile maiteko a go baya ditanka tse di tona tse ba tshelang metsi kgapetsakgapetsa mo go tsone, mme e re morago ba a phatlalatse le motse go tlhofofaletsa batho go gelela.
A re pele ga go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, Damochujenaa o ne o aparwe ke lenyora, mo go neng go pateletsa batho go gelela metsi kwa molapong.
Kgosi Kebalepile a re seemo seo, se ne se tsenya matshelo a batho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse.
Motse oo, o na le sediba se se nang le lobaka se senyegile mme e bile metsi a sone a sa siamela go nowa ke batho ka a le letswai.
Kwa Gojwane gaufi le Serule lenyora le santse le le lentsi ka sediba se se ntseng se nosa motse se senyegile.
Kgosi Oagile Kethaetse wa Gojwane o tlhalositse fa seemo sa metsi mo motseng se sa itumedise, a re go le pele, go ne go se maswe ka ba ne ba anwa mo Sedibeng.
A re metsi ke botshelo jwa motho ka go sena se se ka dirwang ntle le o ne.
Kgosi Kethaetse o lebogile WUC go ba tsisetsa ka dilori le fa go ise go lekane.
A re go thata go laola batho ka nako e go gelelwang metsi ka mongwe le mongwe a batla metsi, mme se se dira gore ba kgotlhagane, selo se ba botsogo ba sa se rotloetseng ka se ka baka kanamo ya mogare wa corona.
Kgosi Kethaetse a re o na le tsholofelo gore ba tlaa thusega go bona metsi jaaka fa go tshwanetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DAMOCHUJENAA
Event : Puisanyo
Date : 23 Jul 2020



