Breaking News

Go tlolwa ga molelwane kgapetsakgapetsa go a tshwenya

23 Jul 2020

Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia a re mapodisi ba tshwenngwa ke batho ba  ba tlolang molelwane kgapetsakgapetsa le ntswa mogare wa corona o apesitse mafatshe kobo ka letshoba, selo se a reng se ka felela se paledisa puso maiteko a yone a go kganela segajaja sa COVID-19 go anama.

Mo potsolosong le BOPA ka Laboraro, Supt Ramatsia o boletse fa mo nakong ya gompieno ba setse ba tshwere batho ba le masome marataro le borataro mabapi le go tlola terata ya molelwane e seng ka fa molaong, bogolo jang  ba metse ya Bray, Werda, Makopong le Draaihoek.

Supt Ramatsia o ne a tlhalosa fa bomme ba ne ba le masome a matlhano le bone, borre ba le lesome le bana ba le babedi ba ba tshwerweng ba tlola terata ya molelwane ba le nosi.

Mookamela mapodisi o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba tlolang melelwane  ba supa fa ba ne ba etela  bakapelo ba bone le ba masika  ba ba berekang mo dipolasing kwa Afrika Borwa.

Mabapi le seemo seo, Supt Ramatsia o ne a supa fa ba boloditse letsholo la mapodisi  le masole ba ba dikologang terata  ya molelwane ba etse seemo tlhoko. A re morago ga go tshwara batho ba bontsi jwa bone e leng bomme ba ba rolela ba lephata la botsogo ba ba felelang ba ba isa kwarantineng.

Supt Ramatsia o boletse fa  katlholo ya  go  tlola tereta e seng ka fa molaong motho a ka atlholwa  madi a a seng kwa tlase ga P200 go ya kwa go P2 000 kana kgolegelo fa ba reteletswe ke go duela.

A re bontsi jwa badira-molato  mo nakong ya gompieno ba setse ba duetse.

E re dikgang di eme jalo,  Supt Ramatsia o boletse fa malatsi a boitapoloso a ga Tautona a ketekilwe sentle ka kagiso ka mapodisi ba sa  gatisa  melato epe.

A re le fa go ntse jalo, go lebega beng ba marekisetso a bojalwa bangwe mo kgaolong ya gagwe ba sa tlhaloganya sentle dinako tsa go bulwa le go tswala ga dibara, bogolo jang ka malatsi a boitapoloso a a supileng fa a sa farologane le a mangwe ka dinako tsa thekiso ya bojalwa.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa melawana e mesha e e rurifaditsweng mo bukaneng ya Gazettee e supa fa  Tshipi, Mosupologo le Labobedi marekisetso a bojalwa a  sa bulwe mme a bulwa ka Laboraro go fitlha ka Labotlhano  go simolola ka nako ya lesome phakela go fitlha ka nako ya bosupa maitseboa, mme ka Matlhatso go bulwe ka nako ya lesome go tswalwe ka nako ya bone mo tshokologong.

Supt Ramatsia o ne a tlhalosa fa di bottle store  mo molaong o mosha tsone di bulwa go simolola Laboraro ka nako ya boferabongwe phakela  go fitlha ka nako ya botlhano maitseboa mme ka Matlhatso dikgoro di bulwe ka nako ya lesome go fitlha ya  bobedi mo tshokologong.

Mookamela mapodisi o ne a kopa ba ba nwang bojalwa go reka ba nwela kwa malwapeng e seng kwa dibareng le gone go tlhomamisa gore ba sala morago le go obamela melawana ya ba botsogo ya COVID-19 ya go katologana, go rwala dipipa molomo le dinko le go tlhapa diatla kgapetsa-kgapetsa..

O ne a ba gakolola gore go nwela kwa malwapeng ga go reye gore ba rome bana ba sekole bojalwa le metsoko ka seo se sa letlelesege ka se ka felela se ba itaya tsebe  le go ba  kgoreletsa mo dithutong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : POTSOLOTSO

Date : 23 Jul 2020