Breaking News

Bagwebi bangwe ba bone motswedi

23 Jul 2020

Setswana se se reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi se lebanganye le barekisi bangwe ba ba tsamayang ba rekisa dithoto ka go farologana kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.

Barekisi ba, ba tsamaya ka malatsi a go amogedisiwang bagodi madi a bone a tandabala.

Mo potsolosong le bagwebi bangwe ba ba fitlhetsweng kwa Dimajwe bosheng, ba kaile fa ba bone gore ba ise ditlamelo dingwe kwa bagoding kwa metseng e e kgakala le Serowe, go ba fokoletsa mosepele.

Ba re bontsi jwa bagodi ba, ba nna kwa metseng e e kgakala e bile e sena marekisetso.

Rre Moisaraele Ramosukujane yo o rekisang diaparo, dilwana tse di tlhapang, dikamo, disupanako le dimonamone o boletse fa kgwebo ya bone e dira sentle thata ka nako ya dikamogelo tsa bagodi.

Are selo se se dirwa ke gore ba reka mo go bone gone foo go na le go palama gape ba latela dilwana tse ba di batlang kwa metseng e metona jaaka Serowe e e nang le marekisetso a a botoka.

Mme Kelebang Mosarwe yo o rekisang merogo le maungo o supile fa bagodi ba amogetse kgwebo ya gagwe e bile ba rata thata fa ba tiseditswe ditlamelo.

O boletse fa ba dira jalo e le go kgaola bagodi maoto go ya bokgakaleng ba latela marekisetso.

A re le mororo go na le kgwetlho ya tlhaelo ya leokwane, ga ba ipone tsapa go tsamaya le metsana ba rekisa tse di tlhokafang.

Rre Jobe Tekere, wa letso la Sezezuru o rekisa dikgamelo, dikotlele tse di tlhapelang le ditloloko tsa leruo ga mmogo le dikgamelo tse di thuthafatsang metsi.

O boletse fa ba tswa Serowe mme kgwebo e tsamaya sentle kwa ntle ga tlhaelo ya leokwane e e kgoreletsa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : DIMAJWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 23 Jul 2020