Breaking News

Monongwaga dipalo tsa badira melato di kwa tlase

22 Jul 2020

Ramapodisi wa Gaborone West Rre Onious Madziba a re Gaborone o ne a iketlile ka malatsi a boikhutso a ga Tautona, selo se a reng se ne se tlhotlhelediwa segolo bogolo ke kiletso mesepele e e bakilweng ke bolwetse jwa COVID -19.

Mo potsolotsong le BOPA maabane mo Gaborone, Rre Madziba a re monongwaga ba kwadisitse dipalo tse di kwa tlase tsa badira melato fa ba tshwantshanya le mo dingwageng tse di fetileng.

A re ba ne ba kgona go laola metsamao ya dikoloi, mme e bile ga ba a gatisa kotsi epe ka malatsi a ga Tautona.

Mogolwane a re ba ne ba lemoga fa metsamao ya dikoloi e ne e se e e kalo mo toropong.

Supt Madziba a re ntswa go ne go sa tsamaiwe ka diteseletso tsa mesepele, batho ka bontsi ba ne ba tlhopha go nna mo malwapeng fa bangwe ba ne ba etela mafelo a itloso bodutu a a gaufi.

Ramapodisi a re ba ne ba gatisa dikgang tsa go rekisa bojalwa jwa sekgoa mo malwapeng le go nwa mo mafelong a a sa letlelesegeng jaaka go nwela mo mebileng.

“Molato o mogolwane o re o gatisitseng ke o ba fitlhetseng bangwe ba tshwere phologolo e e sireleditsweng ya kgaga. Re santse re tlhotlhomisa kwa ba e tsereng teng le gore jang.”

Le ntswa go ne go rena kagiso Rre Madziba a re ba atlhotse batho ba le 67 ka molato wa go tlhoka go dirisa dipipamelomo le dinko. O ne a rotloetsa batho go dirisa dipipa molomo ka di babalela matshelo a bone le ba ba kopanang le bone,.

A re ntswa batho ba ne ba itshwere mo go direng melato le go dira tse di molemo, bontsi bo ne bo sa obamele melawana ya COVID- 19.

Ramapodisi wa Broadhurst, Superintendent Obusitswe Lokae ene a re ba lefisitse banni ba le 87 ba ba neng ba sa dirisa dipipa melomo le dinko mo tikologong la gagwe.

A re ba ne ba phatlalatsa digongwana tse di seng ka fa molaong mo malapeng mangwe, mme ba seka ba ba atlhola.

Rre Lokae a re mo bogompienong ba ne ba sa atlhole ope ka ba santse ba rutuntsha le go gakolola setshaba gore go kgobokana go borai.

O ne a akgolela batho ba ba mo lefelong la gagwe go bo ba ne ba reetsa e bile ba dirisana sentle le mapodisi.

A re ba gatisitse dipalo tse di kwa tlase tsa go thujwa ga matlo.

Le fa go ntse jalo, Supt Lokae a re ba bone koketsego mo dititeong tsa bong, a re ngwaga e e fetileng ka nako e, ba ne ba gatisitse di le lesome le bongwe fa monongwaga ba setse ba gatisitse di le masome a mabedi le bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Molosi

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2020