Mapodisi a tlhotlhomisa loso lwa mosadi
22 Jul 2020
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Gakhibane kwa Hukuntsi a neng a latlhegelwa ke botshelo ka pelaelo ya go nwa sengwe se se nang le botlhole.
Mo puisanyong le BOPA maabane, Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa ba ne ba begelwa ka tiragalo eo, ke ba sepatela se sebotlana sa Hukuntsi kgwedi eno, e le lesome le boferabongwe morago ga gore mosadi yoo a tlhokafale a santse a le mo moleng go bona ba bongaka.
Supt Jorowe a re go tlhalosiwa fa mosadi yoo, pele o ne a supa fa a sa tsoga ka ntata ya tlhogo le go kgwa mo go feteletseng mme a ragosediwa kwa kokelong.
O supile fa ba bongaka ba tlhalositse gore ka nako ya ba mo fa thuso ya potlako, ba ne ba tlhobaediwa ke go phoka lehulo ga gagwe mo ganong, ka jalo ba ikgolaganya le mapodisi.
A re mapodisi ba ne ba itshwaraganya le ba lesika mme ba supa fa mo malatsing a ne a ya go ikopela dithuso kwa moruting mongwe kwa Kang, ka jalo ba belaela gore gongwe motswako o a neng a o filwe ga o a mo tsaya sentle.
O ne a supa fa bangwe ba lesika ba ba neng ba na le moswi ba re ba nole motswako o, mme bone ba santse ba le tshenenene ga ba a kopana le makgwere ape.
Rre Jorowe a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mme serepa se emetse go tlhatlhojwa ke ba bongaka go ntsha pelo pelaelo ka se se ka tswang se bakile loso lwa mme yo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : HUKUNTSI
Event : Puisanyo
Date : 22 Jul 2020