Sengaparile teemane ya Kokotsha
22 Jul 2020
Ntswa paka ya mariga e tshabelwa, serame bogolo jang ke bomaja-ka-thata ba ditiro tsa diatla, kwa Kokotsha paka e, e ratega thata ka e le yone e banni ba dirang madi ka setlhatshana sa sengaparile.
Sengaparile se ka sekgoa se bidiwang devil’s claw, leina le le ka tswang le gwetlhilwe ke tebego ya segwere se, ke teemane kwa Kokotsha.
Sengaparile ke segwere se se fetang tapole mme se le boleele jwa letsogo, se le setuba ka mmala, mme fa godimo ga mmu go motang.
Go simolola ka Seetebosigo, banna le basadi ba a bolola mo motseng ba tsena ka sekgwa, dikhilomithara di le lesome go tswa mo Kokotsha go ya mo dipolasing tse di kwa morago ga motse.
Jaaka ba ba kgetlang bojang mo tseleng ya A1, lefelo le, le kgabile ka mekhukhu ya ba ba ileng go epa Sengaparile. Moepo o, ke moepo o o faphegileng ka ba bolola go simolola Seetebosigo a rogwa go fitlha Phukwi a ya fifing.
Ntswa kgaolo e ya Kgalagadi e itsewe e le sekaka, go setse go bonetse fa kgaolo e e humile di-tsa tlholego di le mmalwa jaaka morama, mahupu, madiholo gareng ga tse dingwe tse di nang le boleng.
BOPA e ne ya tsena ka sekgwa go bona gore banna le basadi ba ja eng mo sekgweng mme ya buisanya le baepi ba.
Mongwe le mongwe ke fa a lebagane le lefuti la gagwe, ba ipapanne ka beisane ya senke e e dirisiwang go katolola mmu go ntsha digwere le kepu e tshesanyane e e epang fa ba boneng setlhatshana sa sengaparile se se kayang gore segwere kana digwere di kwa tlase. Basadibagolo ba eme sentle ka marokgwe le menangaso go ipabalela mo mitlweng le tlhaga e e babang.
“Sengaparile se humile matute mangwe a a dirisiwang go dira melemo le dipilisi ya sekgowa e e fodisang malwetse a a farologaneng. Dipatlisiso di supa gore segwere se se tumile ka go fodisa madi a matona, go tlhatswa setlha, go tlhatswa diphilo, go fodisa tlhogo e e opang, go lwantsha malwetse ka go farologana le gone go fodisa mangole a a batlhoko le go fokotsa mogote mo maseeng,” ga bua mme Nanikie Mogaga a tsenyeditse letsogo kwa teng ga lefuti la selekanyo sa mmithara mme a tloga a ntsha segwere kwa tlase a se tlhotlhora mmu a se baya sentle.
A re segwere se se dirisiwa ka methale e e farologanyeng e le molemo mme se ka silwa go nna boloulou se bo se kongwa hela jaaka Grandpa.
Gape a re se kgona go tsenngwa mo metsing se bo se nowa mme e bile gape se kgona go tlhatlewa se bo se nowa jaaka tee mme se tlhatswe teng ya motho.
O tlhalosa gape gore go epa sengaparile ke namane e tona ya tiro mme e batla motho a itumile molomo wa tlase.
A re tiro e ga e batle motho yo o matlho a boroko e batla motho yo o nang le boitseanape jwa go sika ka gore ka nako e ditlhare di a bo di shele mme le phefo e abo e simolola go tlhaba, ka jalo ga se bonale motlhofo mme se ka bonwa fela ke yo o nang le kitso ya popego ya sone ka nako e.
Fa se epiwa ba simolola pele ka go sika kana go batla motang.
Gaufi le ene Mme Cathrine Mogaga yo le ene a neng a tlhantlhetse ka go epa segwere, o tlhalosa gore kitso ya go se epa ba e amule mo batsading ba bone ka ba tswa goo Lowe ba epa sengaparile ngwaga le ngwaga.
A re tatso ya segwere se e botlhoko e tshwana le mokgwapha mme fa se fiwa ngwana yo o sa tsogang go tsenngwa sukiri kana tsina go fokotsa botlhoko jo.
A re dikitso tsa batlapele di supa gore segwere se se fokotsa ditlhabi mo mmeleng fela jaaka pilisi ya Grandpa.
Mme Mogaga a re boleng jwa segwere se bo sale bo itshupa go tswa bogologolong ka batho ba ne ba tswa bokgakaleng jwa Bokspits ba se latela kwa Kokotsha le metse e e mabapi go se reka.
Ka jalo a tlhalosa gore ba ne ba tsweledisa thuto ya batsadi mme ba tswelela ba epa segwere se ba itshetsa ka sone.
A re malatsing a gompieno go na le ba ba se rekang mo go bone ba tswa kwa mafatshing a a mabapi.
Baepi ba fa ba sena go epa segwere se ba se kgabetlelela bosesane. Go tsweng foo ba a se anega go se omisa mme fa se sena go oma ba se olela ka dikgetsi go se isa mmarakeng ka Lwetse.
Rre Tities Manyoro a re go epa setlhare se go tlhoka teseletso e ba e kopileng kwa lephateng la tshomarelo ya dikgwa.
A re bontsi jwa bareki ke batswakwa mme kgetsana ya 50kg e kgona go rekwa ka P1 400 fa e tletse sentle e titietswe.
A re ka dipoelo tsa sengaparile ba tlhabolola matshelo a bone, ba ikagele, ba tlamele malwapa a bone le go tsenya bana dikole.
Moepi yo a re segwere se ke makgonatsotlhe ka se dirisiwa gape le mo loruong, ka go se tsenya mo furung ya leruo go itsa malwetsenyana kana mo metsing a leruo fa le na le dikai tsa bolwetse bongwe, mme morago ga foo le fole.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa pele wa khansele ya Kgalagadi yo e bileng e le moitseanape wa tsa dipatlisiso le go dira kgwebo ka dibapalwa nageng Rre Meleko Thumpe a re o rotloetsa batho gore ba dirise di-tswa mmung go itshetsa.
A re sengaparile se bogadi bo gaufi ka se rekwa ka madi a mantsi go lebilwe boleng jwa sone.
Ka jalo a re batho ba tshwanetse ba bula madirelo go dira dipilisi mo gae ba dirisa sengaparile go na le go se rekisa se sa tlhabololwa ka tsela epe ka gore go dira jalo go ka seke go tsenye madi a mantsi.
A re gore se ntshe madi a a botoka mme e bile gore se tlhamele Batswana ditiro se tshwanetse sa epiwa sa bo sa tlhabololwa mo gae.
Rre Thumpe a re go tshwanetse ga nna le gore go sekasekwe boleng le methale e e dirisiwang go se epa le go se isa kwa mmarakeng gore go elwe tlhoko gore ke jo bo siameng go itsa gore se seka sa nyelela.
Ka jalo a rotloetsa gore fa go sena go epiwa digwere go tshwanetse gore go epelwe segwere gape mo teng ga lehuti le go ntshitsweng mo go lone gore se tle se tswe gape ngwaga e e tlang.
A re makalana a a tshwanang le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) a teng mme e bile a supa gore a ka thusa, ka jalo go botlhokwa gore go tlhatlosiwe dikakanyo gore tsotlhe di dirwe mo gae gore banni ba tle ba bone dipoelo tse di rileng.
O rotloeditse gore, gore di-tswa mmung tsotlhe e bong ditlhatshana le one maungo a naga tota Batswana ba tshwanetse ba tsibogela go di bapala mo nageng, go di tlhabolola ka go dira sengwe se se mosola ba bo ba rekisa kwa ntle ga lefatshe e seng go se rekisa go sa dirwa sepe ka se ka seke se tsenye madi a mantsi mme se nne le seabe se se nonofileng mo go kabakanyeng itsholelo.
A re go somarelwa ga sengaparile go botlhokwa mme e bile gape se ka lengwa mo tshimong gore se nne se le teng nako le nako mme se lengwa ka tsone digwere kana ka peo go tswa mo leungong la sengaparile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KOKOTSHA
Event : Polelo
Date : 22 Jul 2020