Ba Mawana ba lela ka ditlhabololo
21 Jul 2020
Banni ba Mawana mo kagolong ya Bokone Bophirima ba ikuetse ka tiego ya ditlhabololo.
Ba lela ka ditlhabololo di tshwana le kgokelo ya sediba se se tlaa ba nosang, leobo la kgotla, ba supa fa ba ne ba di solofeditswe mme go se nko e tswang lemina.
Ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Goretetse Kekgonegile, yo o neng a lekola banni go utlwa dilelo tsa bone le gone go rotloetsa ipabalelo mo segajajejng sa COVID-19.
Kgosi Goitseope Gaarewe o supile fa motse oo o godile mme o beilwe ka fa mosing mo ditlhabololong. A re se se ngomolang pelo ke gore ba tshelela mo lenyoreng.
A re ba khansele ba kile ba isa ditena go supa fa leobo le tlaa agwa mme ya re morago ba bona ditena tseo di nyeletse go sena le fa e le morero ope le morafe.
A re gompieno ba kopanela fela ka fa tlase ga setlhare sa motlopi mme a kopa bogogi go emela ditlhabololo tseo ka dinao.
A re o tlhaloganya gore motse oo ga o a tlhomamisiwa mme a kopa gore bogolo ba thusiwe ka leobo fela jaaka motse o o mabapi wa Samedupi o a reng o monnye mme o agetswe leobo.
Fa a bua ka sediba, Kgosi Gaarewe a re morafe o ne o itumetse thata e bile o ithaopetse go rema ditlhare gore ba bule tsela e e yang kwa go sone, mme maiteko a bone a seka a tswa tema ka jaana tiro eo e sa wediwa e bile tsela e medile ditlhare gape.
O ne a kaya gape fa a tshwenyega ka matshelo a bagodi.
A re ba tsamaya sekgala go ya Chanoga go tsaya lemme le bone la kgwedi le kgwedi mme a kopa gore ba atumelediwe ditlamelo ka jaana bangwe ba godile thata.
Mo go tse dingwe, o ne a ngongorega gape ka go emisiwa ga lenaneo la Ipelegeng le a reng le ne le tshetsa malwapa ka bontsi e bile ba kgona go tlhabololo metse ka lone, mme jaanong a gakgamadiwa ke gore ga twe le tsweletse fela kwa metseng e e nang le dikole.
Kgosi Gaarewe o ne a supa gape fa go na le ba kompone ya motlakase ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe.
A re ga ba thuse ka sepe go tlhabolola motse kwa ntle ga go solofetsa go ba neela dicaravan tse pedi fa tiro ya bone e wela.
Ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba ne ba gatelela mafoko a ga kgosi ba supa fa motse o saletse kwa morago ka dilthabololo.
Fa a tsibogela dikgang tseo, mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Geofrey Sekuni o ne a tlhalosa fa e le boammaruri ba ne ba solofeditswe leobo e bile ditena di ne di gorogile.
Le fa go ntse jalo ba ofisi ya ga molaodi ba ne ba supa fa go diragatse phoso leobo leo le ne le sa tshewanela go agwa kwa Mawana ka jaana a ise a tlhomamisiwe go nna motse.
A re khansele e ne ya tsaya ditena tseo mme leobo leo le tswa go agwa kwa Tsau.
O boletse fa morafe o ne wa rerisiwa ka phosego eo.
Mo go ya sediba, Rre Sekuni o tlhalositse fa tiro e ne ya neelwa rakonteraka wa mo gae mme a thapa rakonteraka yo mongwe go mo thusang go phunya sediba.
A re bobedi joo bo ne jwa tlhoka kutlwisisanyo ka rakontereka wa bobedi a ne a batla go amoga yo o mo thapileng tiro eo mme ene a bona go le botoka go ithola tiro ka a re e madi mannye.
O boletse fa khansele e le mo thulaganyong ya go phatlalatsa tiro eo gore boradikonteraka ba ikopele gape.
A re seo se tlaa baka tiego e nngwe gape.
A re sediba se ka bo se sa bolo go fela se setse fela ka go kopa madi a go goga metsi go nosa morafe, mme a kopa banni go nna pelotelele.
Mopalamente Kekgonegile o ne a solofetsa kemedi ya motia, a re ba tlaa leka ka bojotlhe gore ditlamelo di tshwana le metsi di latele batho.
A re segajaja sa COVID-19 se ba supegeditse gore ditlamelo di tshwanetse tsa latela batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAWANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jul 2020