Breaking News

CEDA itlama go thusa bagwebi

21 Jul 2020

Mookamedi wa lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA Rre Thabo Thamane a re diphetogo tsa bosheng tsa melawana ya tsamaiso ya CEDA di diretswe go ntsha dikgwetlho le go fa Batswana botlhe sebaka sa go nna le seabe mo itsholelong ya lefatsheng la bone.

O buile jaana bosheng mo Gaborone fa a tlhalosetsa  bobegadikgang ka diphetogo tse di sa tswang go dirwa.

Rre Thamane a re ba bone go tshwanela go lebelela melawana ya tsamaiso ya CEDA mme ba dirile se ba tshwaragane le ba Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo le ba-tsaya karolo ba bangwe.

A re ba ne ba lemogile dikgwetlho di le mmalwa tse Batswana ba neng ba bua ka tsone, bogolo jang ka ba ne ba sale ba sekasekile melao e ka 2008.

Mogolwane o ne a re maikaelelo a melawana e, ke go agelele dintlha di le mmalwa gore Batswana botlhe ba bone sebaka sa go thusa go tlhama ditiro.

Rre Thamane a re ba ne ba lebelela dikgwetlho tse dingwe, bogolo thata mo bananeng jaaka seelo. A re ba ne ba lebelela le badiragatsi ka melao ya bone e ne e ba beile ka fa mosing.

A re jaaka Tautona Dr Mokweetsi Masisi a buile fa a simolodisa melawana ba ne ba lebelela merokotso, seelo le sebaka se moikopedi a se tsayang go duela sekoloto.

Mogolwane a re ba ne ba lebelela gore go na le dikarolo dingwe tsa itsholelo tse ba dumelang gore ba ka di tokahatsa.

A re bagwebi ba babotlana ba ne ba adingwa go simolola ka P500 go ya kwa go P500 000, kadimo e jaanong e ema kwa go P1m.

Bagwebi ba babotlana ne ba tsaya dingwaga tse tlhano go duela sekoloto jaanong ba tsaya dingwaga di supa.

Morokotso mo go bone e ne e le botlhano mo lekgolong jaanong o na le dikarolo tse di farologanyeng ba lebeletse mehama ya itsholelo.

A re ba ba dirang dithoto, tsa meepo, tsa kgotetso, tsa kago, boranyane le go itlhamela dithoto, temothuo, Bojanala, bodiragatsi ba di beetse ka fa tlhoko ka tumelo ya gore ba ka kgweetsa itsholelo ka e bile Batswana ba ne ba se mo go tsone thata.

Morokotso wa tse a di nankotseng ke 2.75 per cent mme tse di sa balwang e ya go nna 4.25 per cent.

Mo dikadimong tse di fa gare ba ne ba ema ka P4m, mme jaanong ba tlaa bo ba fiwa P10m.

Mo melawaneng ya bogologolo o ne o kgona go duela mo dingwageng tse di lesome jaanong ke dingwaga tse di lesome le botlhano.

Morokotso e ne e le bosupa le 7.5 per cent jaanong ke 4.25 fa tse di sa balwang mo go tse di rileng e tlaa bo e le 5.75 per cent.

Mo dikadimong tsa dikgwebo tse ditona ba ne ba ema ka P30m jaanong ba ema ka P50m.

Sebaka sa dituelo e ne e le dingwaga tse di lesome le botlhano jaanong mokopi o ka duela mo dingwageng tse di masome mabedi.

A re ntswa ba rile dingwaga tse di masome mabedi, ba lebelela ka fa kgwebo e kgonang go duela ka teng. Morokotso wa tse o tshwana le wa tsa kgwebo tse di fa gare.

Jaanong go na le fa mokopi a kopang teng mme CEDA e kope go tsaya serwe mo kgwebong eo, kgwebo ya go nna jalo e ne e fiwa P30m pele mme jaanong e fiwa P50m.

Rre Thamane a re CEDA  e ne e letlelelwa go tsaya 20 per cent jaanong e ka tsaya  tsaya 26 per cent, selo se a reng se thusa Motswana gore a seka a babalelwa ke bokete jwa dituelo tsa kadimo.

A re seabe sa Motswana e ne e le 15 per cent fa jaanong e le 10 per cent.

A re go ya go nna le tse di tlaa bong di sa ame dikgwebo tse dipotlana, go itsa go ba imetsa sekoloto.

Mookamedi wa CEDA a re fa motho a ikopela go na le sebaka se a se fiwang pele a simolola go duela, go sa lopiwe morokotso ope.

A re ba ne ba lemoga fa bangwe ba dikgwebo e ne e re fa a simolola go duela a ba a duela madi otlhe go sena morokotso, ka jalo go paledise CEDA go dikolosa madi go adima ba bangwe, mme jaanong ba ya go lopa madi a go duela pele ga nako.

A re se, se tsile go ama bagwebi ba ba fagare le ba batona.

O ne a re go tlhatlhoba, go baya leitlho go reetsa maikuelo a bone, ba bitsa batho go tswa kwa ntle go ba thusa go tlaa lopiwa sengwenyana.

A re ba lemogile fa kgang ya seelo e ne e beile Batswana ka fa mosing, bogolo jang bagwebi ba babotlana.

Rre Thamane a re ba ne ba dirisa se ba se rekelang mokopi e le seelo mme fa go tlhaela ba kope gore mokopi a tlatse ka ditsompelo tsa gagwe, selo se a reng se ne se paledisa ba bangwe ka ba ne ba sena sepe, jaanong moikopedi o tlaa bo a ikanela sekoloto fela.

A re le mo bagwebing ba ba fa gare go ne go ntse fela jalo.

Rre Thamane a re bakopi ba dikarolo tse di nankotsweng ba tlaa tlhoka gore motho a kwale a itlama.

“Re kgona go tsaya boitseanape jwa gago e le seelo mo badiragatsing, ka jalo re ba rotloetsa go sireletsa megopolo ya bone.

Mo go tse di sa nankolwang re lebelela seelo sa mokopi gore go tlhaela eng e bile go ka dirwa eng mme ba lebelele seabe sa kgwebo mo itsholelong jaaka ditiro tse mokopi a ka di tlhamang.”

Mo go tse ditona tse di nankotsweng,  mokopi o ikanela sekoloto mme e be ba tsaya seelo sa dilwana tse re tlaa bong re di rekile, jaaka ba ka dirisa motshine o re o reketseng  rakonteraka go nna seelo.

A re ba batla dikgwebo tse di nwegang moro, ka jalo ba kopa Batswana go ya kwa makalaneng a bo LEA go bona bogakolodi jo bo tsepameng.

Rre Thamane a re mo dikadimong tsotlhe ba kgona go fokotsa seelo ba lebile gore o ka atolosa itsholelo, o ka tlhama ditiro tse di, le lefelo le kgwebo e tlaa bong e le teng.  
A re dikgwebo tse dingwe di tsosolosa botshelo, bogolo jang kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo, ka jaana di tlhoka thotloetso.
A re seelo mo dikarolong tsotlhe se tlaa fokodiwa mo dikgwebong tsa ba-na-le bogole, basadi le banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : PEGO

Date : 21 Jul 2020