Breaking News

Khwaere ya Matebele e abela sekole sa Pitseng

21 Jul 2020

Khwaere ya Matebele-a-makgaolakgang kwa Pitseng e abetse bana ba sekole sa koo dipipamelomo le dinko di le makgolo mabedi le bofera bongwe tse di lopileng P4 255, ka maikaelelo a go sireletsa bana bao mo kanamong ya mogare wa corona.

Fa a rola mpho eo bosheng, mokwaledi wa khwaere eo, Rre Oabile Dira o ne a tlhalosa fa tebelopele ya bone e le go nna le seabe se se utlwalang mo setshabeng go na le go nna khwaere Keresemose fela go le monate.

A re mo nakong ya gompieno ba araba selelo sa puso mabapi le seru sa bolwetse jwa COVID-19 se se wetseng lefatshe ka bophara, a gatelela gore ba itse fa puso ka nosi e ka seke e kgone go lwantsha seemo seo.

Rre Dira o tsweletse a tlhalosa fa ba tlhophile go simolola ka sekole sa Pitseng ka jaana se le mo legaeng la bone, mme a supa fa maikaelelo e le go tswelela ba anama le kgaolong.

A re ba abela bana ba sekole ka gore ba eletsa gore ngwana mongwe le mongwe a bo a sireletsegile.  A re go dira jalo ke tsela nngwe ya go gasa efangele ya tiriso ya thibedi mo dinakong tse di ntseng jaana.

Rre Dira a re o itemogetse gore bolwetse jwa sehuba bo wetse kwa tlase ka dipalo monongwaga ka paka eno ya mariga fa e sale jaaka puso e ntsha taelo ya tiriso ya dipipamolomo le dinko, ka jalo a kopa Batswana go itlwaetsa go dirwala dibipamolomo.

Gape a re sedirisiwa seo se thibela gore motho a seka a tsenwa ke lerole.

A re khwaere mo bogaufing e tlaa abela sekole se sebotlana sa Betesankwe ka maikaelelo a go jala mowa wa lorato mo kgaolong. Ya re a amogela mpho eo e e lopileng P4 255, mogokgo wa sekole seo, Rre Stanley Molefhe a leboga khwaere eo go bo e rera lorato lwa Modimo ka ditiro a ba a eleletsa maloko a yone masego le matlhogonolo gore ba gole ba bo ba tlhogole gore ba tswelele ba thusa bangwe ka bone.

Kgosi Mmolotsinyana Mafoko wa Pitseng le ene o ne a akgolela khwaere eo go bo e supile tumelo mo Modimong ka ditiro, ka go le botlhokwa gore modumedi a supe tumelo ya gagwe ka ditiro.
 

A re mpho eo e ka nna ya lebega e le potlana ka matlho a senama,  mme e kgolo ka e ntshitswe ka lorato.

Kgosi Mafoko o ne a tshwantshanya khwaere eo le Mme mongwe wa motlholagadi mo Baebeleng yo go utlwalang a ne a aba ledi la gagwe la bofelo, mme a kaiwa fa e le ene a abileng mo go golo ka jaana a ne a aba ka lorato le pelo ya gagwe yotlhe.

O ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa wa lorato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : PITSENG

Event : KABO DIMPHO

Date : 21 Jul 2020