Breaking News

Mogoma o phepafatsa tikologo

21 Jul 2020

Mokgatlho wa David Mogoma Foundation (DMF) o sa tswa go bolotsa letsholo la one la go phepafatsa le go gasa molemo o o bolayang megare mo maobong a dikgotla tsa metse ya Bokone Botlhaba.

DMF e dira jaana go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. Phepafatso e e simolodisitswe ka leobo la kgotla ya Masunga kgwedi eno e le lesome le borataro.

Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Sarah Khaulane o boletse fa mokgatlho o itebagantse le ditiro tsa bopelotlhomogi, mme o sa dire dipoelo. A re le fa go ntse jalo, ba kgona go diragatsa maitlamo a bone ka mowa wa boithaopo le go kopa dithuso mo makalaneng.

A re mokgatlho o tlhamilwe ke ba lelwapa lwa ga Rre David Mogoma kwa Moroka ka 2016, mme wa kwadisiwa ka fa molaong ka 2018, a supa fa ba ne ba o simolodisa ka tshwaragano le mmaabo, Mme Zibi Mogoma, morago ga phularo ya ga rraabo ka 2004.

Mme Khaulane o supile fa moswi David Mogoma e ne e le motho yo o neng a le pelotlhomogi, a eteleditse pele mowa wa kabelano. A re ka jalo e le bana ba gagwe, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba itlama go gata mo ditlhakong tsa ga rraabo go tsweledisa bopelotlhomogi jwa gagwe.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa David Mogoma Foundation jaanong e bulegetse ope yo o nang le keletso ya go nna leloko. A re mokgatlho o setse o na le maloko a le lesome le botlhano.

Fa a itebaganya le maikaelelo a bone a go phepafatsa maobo a dikgotla go bolaya mogare wa corona, Mme Khaulane o ne a re segajaja sa COVID-19 se borai, ka jalo go botlhokwa gore batho ba seka ba itebala.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse a leka ka bojotlhe go lwantsha kanamo ya mogare gore lefatshe le kgone go fenya ntwa kgatlhanong le bolwetse jo.

Mme khaulane a re ba lemogile fa dikgotla e le tsone pinagare e setshaba, ke ka moo ba boneng go lebane gore ba di gase ka selwantsha mogare.

A re maikaelelo a bone ke go otolosetsa thuso eo kwa dikgaolong tse dingwe fa seemo se ka letla. O tlhalositse fa tiro e o ya go gasa molemo mo maobong otlhe a le masome a mane le boraro a Bokone Botlhaba, e solofetswe go wela mo dikgweding tse pedi, mme e tlaa lopa P50 000.

O ne a kopa Batswana go ema nokeng mokgatlho wa bone ka sepe fela se ba ka se kgonang, a bo a leboga Auto Chem ka go ba thusa ka melemo e e bolayang megare.

Mothusa kgosi wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga o ne a leboga ba David Mogoma Foundation, a supa fa leobo la kgotla e le lone le morafe o phuthaganelang mo go lone fa go na le bokopano kgotsa tiro nngwe mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : POTSOLOTSO

Date : 21 Jul 2020