Breaking News

Kgosi o gakolola baithuti go ikgapha

16 Jul 2020

Kgosi Benjamin Bailelwang wa Bogogobo kwa kgaolong ya Kgalagadi o gakolotse baithuti ba mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits go ikgapha mo nnotaging.

Kgosi Bailelwang o buile se bosheng kwa moletlong wa kabo ya dimpho tsa baithuti ba ba dirileng sentle mo lekwalong la bosupa ngwaga oo fetileng.

Kgosi o ne a popotha legetla mopalamente wa pele wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre John Toto, le mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Kolonkwaneng/Bogogobo, Rre John Lentshikang, ka tiro e ntle e ba e dirileng ya go abela baithuti dikgele.

O ne a gwetlha baithuti bao go tsenya marapo mo dinameng mo dithutong ka e le tsone konokono mo isagong ya bone.

Kgosi Bailelwang o ne a ba gakolola go nna le botho ka seo se ka ba thusa go nna batsadi ba ba nonofilengka moso.

E re ka jaana kgokgontso bogolo jang ya bomme le bana ba basetsanyana e tlhakaladitse mo lefatsheng leno, kgosi o ne a kgothatsa baithuti gore ba seka ba mpampetsa mme ba ikuele mo go ba ba tshwanentseng gore badira molato ba tseelwe dikgaoto.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Keduetswe Kgositlou, o ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a tswa kgakala a sa kgatlhise mme maitlamo a mopalamente le mokhanselara  ba pele, a dirile gore go nne le tsholofelo le pharaologanyo a supa fa ka ngwaga wa 2016 e ne e le 44 per cent, 2017 44 per cent, 2018 50 per cent mme ngwaga oo fetileng a tsholetsegile go ya kwa go 87.5 per cent.

A re maduo ao a supa fa sekole sa Bogogobo se ikgapetse maemo a bone mo dikoleng di le masome a mane le bobedi mo kgaolong ya Kgalagadi selo se a reng se ba tiisitse moko.

Mogolwane go tswa kwa  lephateng la thuto, Mme Felicity Sebina, o ne a abela baithuti ba ba dirileng sentle mo letshwaong la A ba le bane dikopi.

 O ne a ba kgothatsa go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgoba kgobe ka mutlwa ka gantsi fa ba le kwa dikoleng tse dikgolwane maduo a bone ka bontsi a felela a wela kwa tlase.

Mme Sebina o ne a gwetlha baithuti go sala morago melawana ya ba lephata la botsogo ka nako tsotlhe go sireletsa mogare wa corona oo apesitseng mafatshe ka bontsi kobo ka letshoba.

Mme Sebina o ne a galaletsa bagokgo mo kgaolong eo go bo ba dira go le gontsi go tlhomamisa gore maduo mo dikoleng tsa bone ke aa itumedisang.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Toto o ne a rotloetsa batsadi go ema baithuti nokeng ka nako tsotlhe le gone go ba neela sebaka sa go ithuta fa ba le kwa malwapeng.

Rre Toto o ne a supa fa ba tla tswelela ka maikaelelo a bone go rotloetsa thuto kwa dikoleng tsa Kolonkwaneng le Bogogobo ka di gaisenela kopi ngwaga le ngwaga.

A re bana ba tshwanetse go rutwa bomosola jwa thuto ba sa ntse ba le bannye ka jaana ‘lore lo ojwa lo sa le metsi.’

Modiri wa lephata la thuto, Rre Disang Mhologaphata, o ne a kgothatsa dikhamphane, maphata a puso, batsadi le setshaba ka kakaretso go ikabela dikole kana bana bangwe ba batsadi ba bone ba tlhokileng lesego mo botshelong ka seo se ka ba kgontsha go fitlhelela ditoro tsa bone bogolo jang ba ba nang le bokgoni mo thutong tsa bone.

Rre Mhologaphata o ne a gatelela gore baithuti ba seka ba tshameka ka sebaka sa bone kwa sekoleng mme gonne mo maruding a bone gore ba gagamatse gore mo isagong botshelo jwa bone e bo e le jo bo eletsegang.

Dikopi tse di abetsweng bathuti di ne di le lesome le bobedi, kopi ya sekole le ya badiri mo sekoleng sa Bogogobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BOGOGOBO

Event : moletlo wa kabo ya dimpho

Date : 16 Jul 2020