Bana ba dule ka tshoba la mogodu
16 Jul 2020
Monni mongwe kwa Serowe o alafelwa dintho tse di masisi morago ga go thuba diokomela bagwe ka mabole go falotsa ditlogolo tsa gagwe mo ntlong e e neng e jewa ke molelo.
Tiragalo e diragetse ka Tshipi bosigo fa ntlo e bana ba dingwaga tse di lesome le motso le wa tse di lesome le botlhano ba neng ba robetse mo go yone e kapa molelo.
Mmemogolo wa bana bao, Mme Mpututu Kgaotsang, o boletse fa bana ba thusitswe ke malomaabone yoo a neng a robetse mo kamoreng e e bapileng le ya bone.
A re ka go utlwa lerata la bana le monko wa digau tsa diaparo, malomaabone o ne a akofa go ba tswa thuso.
O ne a thuba diokomelabagwe ka mabole go ba falotsa mme a bona dikgobalo tse a di alafelwang kwa kokelong ya Sekgoma.
Bana ga baa gobala le mororo mosi o ne o ba hupeditse.
Go boletswe fa diaparo tsa bone tsotlhe di shwele.
Pelaelo ke gore molelo o bakilwe ke kerese e e neng e tshubilwe mo kamoreng pele ga ba robala.
Ka nako ya tiragalo eo, mmaago bana bao o ne a seo mo lwapeng.
Ba lelwapa leo ba ne ba begela mapodise, setimamolelo le ba boipelego ba ba santseng ba sekaseka tshenyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 16 Jul 2020