Breaking News

Monni wa Bonwapitse ga a ipone tsapa

15 Jul 2020

Batswana bangwe ba dira ka natla go itshetsa go na le go ikaega fela ka puso.

Mongwe wa bone ke Mme Boitumelo Botsie wa Bonwapitse kwa kgaolong ya Legare, yoo o lemang ditlhare.

Mme yo wa dingwaga tse masome a mane le borataro o lema ditlhare tsa maungo le tse di kgabisang.

A re o gwetlhilwe ke lerato le a nang le lone mo ditlhareng, mme a lemoga fa a ka itshetsa ka tsone.

Mme Botsie a re thekiso ya ditlhare e na le dipoelo tse di nametsang.

“Fela jaaaka dikgwebo tsotlhe, go na le dikgwetlho tse ke kopanang le tsone jaaka mmu o o tlhaelang dikotla, motlhwa le letlhoko la metsi,” ga bua Mme Botsie.

A re segajaja sa COVID-19 se amile kgwebo ya gagwe ka jaana a ne a sa kgone go rekisa ka nako ya kiletso mesepele, a tswelela a supa fa le morago ga kiletso mesepele, theko e ile kwa tlase fela thata.

A re tlhaelo ya leokwane le yone e ama kgwebo ka jaana a rekisetsa kwa Mahalapye a tswa Bonwapitse.  

A re fa seemo se ka se boele mo maemong, kgwebo ya gagwe e ka kokonelwa thata.

Mme Botsie o tlhalositse fa a sa itebaganya le ditlhare fela, mme o rekisa le dikoko tsa nama le merogo.

O rotloeditse Batswana go itshetsa ka sepe fela se ba nang le kgatlhego mo go sone, ka gore kgwebo e motho a e dirang ka lerato ga go motlhofo e ka mo palela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 15 Jul 2020