Monna o bonwe molato wa go betelela ngwana
15 Jul 2020
Monna wa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa Kanye o bonwe molato wa go thubetsa ngwana makgetho a le mabedi ka 2009 le 2012.
Bosupi jo bo beilweng lekgotla pele bo supile fa mosekisiwa, Isaac Moseki, a ne a tlhakanela dikobo le mosetsana yoo a le dingwaga di ferabobedi le a le lesome le bongwe kwa mafelong a a farologanyeng.
Fa a rola katlholo, mmakaseterata wa Kanye, Rre Daniel Nkau o ne a tlhalosa fa bosupi jo bo filweng ke mongongoregi bo papametse ebile go sa supe fa go na le mabaka mangwe a a ka dirang gore a itlhamele polelo e e ntseng jalo.
A re ga go gakgamatse go bo mongongoregi a ne a tsaya lebaka go tsibosa batsadi ba gagwe ka jaana e ne e le ngwana ka nako ya tiragalo ebile gape mosekisiwa a ne a mo laetse gore a seka a bua.
A re ga go supe gope gore mosekisiwa le rraagwe mosetsana, yo e neng e le tsala ya gagwe, ba kile ba tlhoka kutlwisisanyo e e ka dirang gore go belaesege fa rraagwe e le ene a tlhamileng kgang eo kgatlhanong le mosekisiwa.
Rre Nkau o ne a tlhalosa gore ntle le gore mongongoregi o ne a papametse mo bosuping jwa gagwe, basupi ba bangwe le bone ba akaretsang mmaagwe mogolo, rraagwe, ngaka le motlhotlhomisi ba iteetse kobo moroko kgang ya gagwe.
A re le ntswa mosekisiwa a supile fa a sa tlhakanela dikobo le mongongoregi, o paletswe ke go ganetsa konokono ya bosupi jwa kgang.
A re rraagwe mongongoregi le ene o tlhaloseditse lekgotla gore mosekisiwa o ne a dumalana fa a tlhakanetse dikobo le mongongoregi mme a kopa gore kgang e tshololwe o tlaa duela madi a selekanyo se se sa bolelwang.
Mo godimo ga moo, mmakaseterata a re bosupi jwa bongaka bo supile fa mongongoregi a thubeditswe mme ebile mosekisiwa a paletswe ke go ganetsa seo.
A re ka jalo lekgotla le lemogile gore boiphemelo jwa gagwe bo loleya.
Mmakaseterata Nkau a re go bo mosekisiwa a reile mongongoregi a re a seka a bolela go supa sentle fa a ne a itse dingwaga tsa gagwe ebile a itse gore o dira molato.
Lekgotla le ne la laela bosekisi go ya go batlisisa ka melato ya mosekisiwa e e fetileng le gone gore mosekisiwa a tlhatlhobelwe mogare wa HIV pele ga katlholo.
Mosekisiwa le ene o ne a laelwa gore a baakanyetse go ipobola gore ke eng a ka se atlholelwe dingwaga di le lesome mo kgolegelong ka e le yone katlholo e e kwa tlase ya thubetso.
Mosekisiwa o tlaa nama a tshegeditswe kwa kgolegelong go fitlhela kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : Tsheko
Date : 15 Jul 2020