Dipuisanyo di tsweletse - molaodi
15 Jul 2020
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Innocent Maotwe, a re dipuisanyo di tsweletse go betla tsela ee babalesegileng ya go rekisa bojalwa jwa setso.
E rile a tsibogela matshwenyego a makhanselara a kgaolo potlana eo mo phuthegong e e wetseng bosheng, Rre Maotwe a supa fa kgang eo e nnetswe disana ke ofisi ya ga tona yoo lebaneng le magosi.
Mothusa molaodi a re tsholofelo ke gore e re kgwedi e e fela, lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo le bo le dule ka ditsetlana go thusa go laola kafa kgwebo ya bojalwa jwa setso e tlaa tsamaisiwang ka teng.
Makhanselara a re a tshwenngwa ke tiego ya go sekasekela thekiso ya bojalwa jwa setso, jo Batswana bangwe ba ikaegileng ka jone, mo go tokafatseng seemo sa itsholelelo ya malwapa a bone.
Makhanselara a ne a kopa puso go tsibogela seemo seo, ba tlhalosa fa bojalwa jwa setso bo sena bodiphatsa bope le gore thekiso ya jone e a laolesega.
“Bojalwa jwa setso le mo lebakeng le le fetileng bo ne bo rekisiwa ka dinako tse barekisi le bareki ba neng ba di obamela, ka jalo go bo laola ga go kake ga nna le bothata,” ga buwa mokhanselara Molemisi Motsewabothata.
Mokhanselara wa St Pauls/Boswelakoko, Rre Boiki Sibisibi, ene o ne a supa fa thekiso ya bojalwa jwa setso e ka fokoletsa khansele morwalo wa go tlamela malwapa a mo lebakeng le le fetileng a neng a ikemetse.
Mokhanselara Rodgers Kgatsitswe wa Lentsweletau Botlhaba, ene o kopile mapodisi go busetsa mo tirisong mogala wa ofisi ya sepodisi kwa Lentsweletau go tokafatsa go ntshiwa ga ditirelo.
A re go tlhoka mogala mo ofising ya sepodisi ke go ikgatholosa matshwenyego a morafe ka gore Lentsweletau o okametse metsana e mengwe, ka jalo mogala o ka thusa go bega ditiragalo tsa borukutlhi.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Lekgwapheng, Rre Slumber Mokgosi, o ne a kopa khansele go netefatsa gore ditsamaiso tsa dithuto tsa bananyana kwa dikolong tsa puso di na le boleng fela jaaka tse di ikemetseng.
“Ke tshwenngwa ke gore re le khansele re solofela ba ba ikemetseng go obamela ditsamaiso tsa dikgwebo tsa dikolo tsa bananyana, mme rona re sena bokao,” ga gakolola Mokhanselara Mokgosi.
O bile a akgolela lephata la dikago la khansele potlana eo go ntsha ditirelo tse di kgotsofatsang ka nako ya kiletso ya mesepele le go berekela mo nakong go dira tse di maleba pele ga dikolo di bulwa.
A re lephata leo, le le dirang ka moitseanape wa dikago a le mongwe, le tshwanetswe go akgolwa le go tiisiwa moko ka jaana le dirile ka natla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 15 Jul 2020