Breaking News

Seretse o akgotse banni ba Tutume

13 Jul 2020

Mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato,   Kgosi Serogola Seretse, o akgoletse banni ba Tutume tshwaragano, tirisanyo mmogo le tlotlo e ba nang nayo.

Kgosi Seretse o ntshitse kakgolo eo fa a ne a rolelwa maina a batho ba babedi ba ba tlaa thibang phatlha ya moemela kgosi le a kgosana kwa Tutume ka Labone.

A re se banni ba se dirileng ke sesupo sa tshwaragano e bile ba tlotla kgosi ya bone, Kgosi Tapson Madikwe.

O ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o le mongwe wa tshwaragano le go ikanya Modimo.

Kgosi Seretse o ne a ba lebogela go bo ba santse ba tshegeditse ditaelo tsa lephata la botsogo, e bile ba tlotla baeteledipele ba bone ba bogosi ka dinako tse di thata tsa seru sa segajaja sa COVID-19.

Banni ba ne ba supa fa ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore Kgosi Gorileng Mbaiwa a tlhatlosiwa maemo go nna moemela kgosi, fa Rre Edmond Moabi ene a tla thiba phatlha ee tlogelwang ke Kgosi Mbaiwa ya bogosana.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Madikwe a tlhalosa fa a ne a phutha morafe le magosana a gagwe go tswa ka maina a batho ba babedi ba ba tlaa thibang phatlha tse pedi mo kgotleng.

Kgosi Madikwe a re ka therisanyo le tirisanyo mmogo, ba ne ba dumalana gore Kgosi Mbaiwa a tlhatlosiwe maemo fa Rre Moabi ene a tla a thiba phatlha ya ga Kgosi Mbaiwa.

O tlhalositse fa bokopano jwa letsatsi leo, e ne e le go rolela morongwa go tswa kwa bogosing jwa Gammangwato maina a batho ba ba kabang diphatlha tse di teng mo kgotleng.

Kgosi Seretse o ne a solofetsa batsena phuthego eo fa a tlaa isa maina ao kwa go motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, yo ene a tla a fetisetsang kwa go Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : bokopano

Date : 13 Jul 2020