Breaking News

Mokgatlho o abetse kgaolo ya Takatokwane dikobo

12 Jul 2020

Mokgatlho wa Mowa Montle kwa sekoleng se segolwane sa Maruapula kwa Gaborone o abetse banni ba kgaolo ya Takatokwane dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le diaparo tsa mariga.

Kgosi Bagodi Phihadu wa kgotlana ya Tlhaping kwa Ditshegwane, o supile fa ba tlhola ba bona dimpho di abiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba eletsa fa batho ba ka bona se mokgatlho o se dirileng kwa  kgaolong ya bone.

Mongwe wa batlhami ba mokgatlho, Rre Ayaan Chand, o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go tokafatsa matshelo a Batswana.

A re ba rekile dikobo le diaparo tsa mariga tse di lopileng go feta P20 000. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a amogela dimpho ka boitumelo.

A re mokgatlho o abile ka mowa o montle wa kutlwelobotlhoko.

O ba kopile go tswelela ka go thusa, a tlhalosa fa banni ba tlhoka diaparo tsa mofuta oo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kebonang Kelebang, a re ba ikaelela go rotloetsa baithuti ba sekole se sebotlana sa Ditshegwane ka go ba abela dimpho, go ba rotloetsa go tokafatsa maduo a sekole.

Rre Kelebang a re ba eletsa gore ka 2024, maduo a sekole a bo a itumedisa fa mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/ Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang a tlhalositse fa kgaolo e amilwe thata ke lehuma mme e tlhoka thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Jul 2020