Breaking News

Ba Kalakamati ba akgoletswe boitshwaro jo bontle

12 Jul 2020

Banni ba Kalakamati kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgoletswe boitshwaro jo bo ntle fa e sale Botswana a welwa ke segajaja sa COVID-19.

Kgosi Jenamiso Tshupoeng o tlhalositse mo potsolotsong fa tirisano mmogo e mo tlhatswitse pelo go simolola ka nako ya kiletso mesepele go goroga mo nakong ya gompieno.

A re e rile puso e ntsha taelo gore Batswana ba emise metsamao ka kgwedi ya Moranang, banni ba Kalakamati ba sala morago melawana yotlhe e neng e beilwe.

Kgosi Tshupoeng o buile fa bogogi jwa motse bo ise bo kopane le dikgwetlho ka nako eo fa go tshwantshanngwa le mo metseng e mengwe.

A re ene o ne a le mo komiting ya motse e neng e filwe dithata tsa go aba diteseletso mme tiro ya gagwe e ne e le go tlhomamisa gore tiro e e dirwa sentle.

Kgosi a re o ne a dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore o pata mogokgo le komiti ya gagwe kwa sekolong letsatsi le letsatsi se e le go netefatsa gore morafe o sala ditaelo morago.

O buile fa dikopo tsa mesepele e ne e le tse di botlhokwa fela, mme bontsi bo ne bo dirisa marekisetso a dijo, nama le motlakase kwa Kalakamati.

Kgosi Tshupoeng a re go a mo itumedisa go bona morafe wa gagwe o sala morago molao wa lefatshe go tlhomamisa gore segajaja sa COVID-19 se a fengwa.

A re Kalakamati o ne a amogela dikakgolo go tswa kwa ofising ya ga molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le ka ntlha ya boitshwaro jo bontle.

A re banni ba tsweletse ka go sala morago melawana e mesha ya go rwala dithiba melomo le nko gammogo le go tlhapa matsogo kgapetsa kgapetsa.

O supile fa ba ise ba amogele dingongorego kana dikgang dipe tsa batho ba sa saleng melawana e morago.

A re le ba marekisetso a dino tagi ba setse morago dinako tse ba di filweng go bula le go tswala madirelo a bone.

Kgosi Tshupoeng o tlhalositse fa ba diragatsa molao wa gore diphitlho di tsenelelwe ke batho ba le masome matlhano mo e bileng phatlalatso ya leso e direlwang kwa mabitleng.

O buile fa ba emisitse dijo tse di jewang kwa diphitlhong se e le go tlhomamisa melawana ya COVID-19.

A re go ja kwa diphitlhong go ka dira gore batho ba kgobokane ka lebaka gape dijo di tshwarwe ke mabogo a mantsi mme se sa tlaabo se gataka melawana ya COVID-19.

Kgosi Tshupoeng o ne a lebogela banni ba Kalakamati mowa wa bone o montle go sireletsa Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : KALAKAMATI

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2020