Puso e eme ka dinao - Tsogwane
12 Jul 2020
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, a re puso e eme ka dinao go dira mananeo a go tsosolosa itsholelo.
Rre Tsogwane o ne a bua jalo kwa Mahalapye ka Labotlhano kwa a neng a kopane le komiti ya kgaolo potlana ya Mahalapye ya COVID-19.
Rre Tsogwane a re puso e tlaa dira ka bojotlhe gore dikgwebo, bogolo jang tse dipotlana, di ikemele ka dinao ebile go nne le mananeo a masha a a ka thusang.
A re fa e sale segajaja sa COVID-19 se simologa, puso e dirisitse madi a mantsi go itebaganya le seemo.
A re kgaoganyo madi a setshaba e e neng ya fetisiwa ke Palamente ngwaga o simologa e amegile thata ka jaana madi a dirisitswe mo go lwantsheng segajaja sa COVID- 19.
A re Palamente e tlaa sekaseka gore go ka batlwa madi ka ditsela dife le gore go ka tsamaisiwa itsholelo jang go ya kwa pele.
O ne a ikuela mo Batswaneng go tswelela ka go sala morago melawana ya go thibela COVID-19.
A re le ntswa ditsamaiso dingwe jaaka go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa le go sa itshwareng mo sefatlhegong di le thata, Batswana ka bontsi ba di sala morago ba sa fele pelo.
A re puso e dirisitse madi a mantsi fa go neng go sa solofelwa teng, ka jalo ga go na go nna le thulaganyo ya bobedi ya go phakisa dijo. Ka jalo, Rre Tsogwane a re fa go na le mongwe yo mo nakong eno a welang mo isong, o tlaa sekwasekwa ka lenaneo la botlhoki jwa nakwana mme a thusiwe.
A re ka nako e go neng ga thusiwa Batswana ka dijo, go ne ga supega fa bangwe ba ne ba di phakisiwa mme go ne go sa tshwanela gore go nne jalo.
A re badiri ba ipelegeng ba thusitse fela thata ka ba phatlaladitswe mo dikoleng go phepafatsa ebile ba thusa mo go apeeleng baithuti.
A re baithuti ba mo pabalesegong e e kwa godimo ntateng ya bophepa jo bo kwa godimo.
Mo go tse dingwe, mothusa tautona a re go na le kgwetlho ya leokwane mme seemo seo se bakilwe ke manokonoko a COVID-19 le tse dingwe tse di diragalang. A re seemo se se tlaa feta ka puso e itebagantse le sone.
A re seemo se, se tlhoka gore Batswana ba ithulaganye ka go itekanyetsa leokwane ka le tla a nna le tla mme botlhe ba bone nako ya go tshela dikoloi tsa bone.
Rre Tsogwane a re COVID-19 e rutile lefatshe leno gore le itirele dilo dingwe segolo jang dijo.
A re fa bolwetse jo bo ka tswelela, mafatshe a go tsewang dijo kwa go one a tla a nna le dijo tse di ba lekaneng ba le nosi fela mme Batswana ga ba a tshwanela go bolawa ke tlala ba na le lefatshe le ba ka itemelang mo go lone.
A re COVID -19 e rutile lefatshe leno gore fa batho ba tshwaragane ba ka dira go le gontsi.
Rre Tsogwane o ne a supa fa popagano eo e supilwe ke dikomiti tsa COVID-19 tsa dikgaolo tse di neng di dira e le seopo sengwe.
O ne a leboga ba ba thusitseng mo letloleng la COVID-19 le botlhe ba ba tsereng karolo mo seemong se se thata.
O ne gape a lebogela badirelapuso ba ba neng ba amogwa tshwanelo ya bone ya kokeletso dituelo a bolela fa ba kolotwa mme ba tla a duelwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAHALAPYE
Event : bokopano
Date : 12 Jul 2020