Khamphane e abetse Khumaga dijo
12 Jul 2020
Khamphane ya Desert Sand Safari Tours e abetse Khumaga kwa kgaolong potlana ya Boteti dijo tse di lekanang malwapa a le makgolo a mabedi le masome a ferabobedi.
Fa a bua kwa go rolweng ga dijo tse di lopileng P90 532 bosheng, mothusa modulasitilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Batshweletse Kgagamedi, o boletse fa Batswana ka bontsi ba amilwe ke segajaja sa COVID-19 .
Rre Kgagamedi a re dijo di tsile ka nako ee siameng ka jaana puso e sena go fa batho dijo la bobedi.
A re banni Khumaga ba segofetse ka e bile go tlhalositswe fa di tla lekana malwapa otlhe a motse oo.
Rre Kgagamedi a re go a itumedisa go bona beng ba dikgwebo le Batswana ka kakaretso ba eme puso nokeng mo nakong ee thata ya segajaja sa COVID-19.
O ne a leboga Ngande Trust go bo e tsweletse ka go thusa le go kopela motse dithuso tse dingwe mo bagwebing.
Rre Kgagamedi o ne a leboga mogwebi yo o abileng dijo a re o dira ditiro e tona ya go thusa setshaba se a direlang gare ga sone.
O ne a mo rotloetsa gore a tswelele ka go diragatsa mowa oo wa bopelotlhomogi.
Modulasitilo wa Ngande Trust, Rre Budzani Baitse, a re ba ne ba lebelela ka fa kiletso mesepele e amileng bontsi jwa banni ba motse wa bone ka teng.
Rre Baitse a re bontsi jwa batho ba amegile thata ka jaana ba ne ba tshela ka lenaneo la Ipelegeng.
A re ba dule letsholo go kopa dithuso kwa bagwebing, mme Desert Sand Safari Tours e ne ya araba selelo sa bone.
Rre Baitse a re khamphane eo e tswa kgakala e ba eme nokeng.
A re Ngande Trust e ne ya abela sekolo s ese botlana sa Khumaga dithiba melomo di feta makgolo a mararo.
Rre Legatilemang Moela go tswa kwa Desert Sand Safari Tours ene a re ba bone go tshwanela gore ba thuse setshaba se badirela kwa go sone mo nakong ee thata e ya segajaja sa COVID-19.
Rre Moela a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa gore le bone ba leke go thusa setshaba sese amilweng ke segajaja se. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Khumaga
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Jul 2020